Ba kopiwa go tsosolosa lefatshe le le kgothegileng
27 Jun 2023
Banni ba kgaolo ya Tutume ba kopilwe go tla ka methale kana mananeo a a tlaa thusang go tsosolosa lefatshe le le kgothegileng go le busetsa mo seemong.
Modiri kwa lekalaneng la Food and Agriculture Organization of the United Nations (FAO), Rre Lesika Basalumi a re nako ya gore banni ba tshwaragane ka go lebelela dilo tse di senyang tikologo le go tla ka methale e e ka emisang seo.
O buile jalo kwa dithuto-puisanyong le ba-na-le-seabe ba tsa tiriso ya lefatshe kwa Tutume ka Laboraro. Rre Basalumi o tlhalositse fa go kgothega ga lefatshe go ama matshelo a batho ka ba sa tlhole ba kgona go ntsha dijo tse di lekaneng kwa masimong.
A re ba lekgotla la mafatshefatshe, United Nations ba ntshitse madi go re metse mengwe e e amilweng ke go gothega ga lefatshe e dire lenaneo la go leka go busetsa seemo mo taolong.
Rre Basalumi a re thulaganyo ya go dira lenaneo leo e tlaa simolodisiwa kwa Tutume, Mosetse le kgaolo ya Chobe go itebagantswe le tiriso ya setlhare sa Mophane.
O kopile banni go batla methale e tlaa thusang go emisa go remiwa ga ditlhare, le go tshuba naga ka ebile go lemogilwe fa e le dilo dingwe tse di kgothang tikologo.
A re go kgothega ga lefatshe go ama batho ka fa ba tshelang ka teng ka ba sa kgone go ntsha dijo tse di lekaneng le tsone dimela di amega.
Rre Basalumi o ile a gakolola ba-tsena dithuto tseo gore megopolo ya bone e seka ya baya bomme ka fa mosing go lebilwe ka fa ba itshetsang ka teng ka dibapalwa nageng.
Batsena dithuto tseo ba ne ba supa fa go oketsega ga diphologolo tsa naga bogolo jang ditlou e le gone tshoso e rweleng mo go senyeng lefatshe.
Mongwe wa batsena dithuto tseo, Rre Cabbie Zambezi a re tiriso ya dikgong e ile magoletsa mo kgaolong mo ebileng ba ba di rwalelang ba setse ba rema le ditlhare tse di metsi.
A re bangwe ba rwalelela go itshetsa ka go rekisetsa dikole dikgong mme a kopa puso go tla ka lenaneo la go thusa dikole tseo tse di dirisang dikgong.
A re palo ya ditlou e oketsegile mo di setseng di le mo mafelong a di neng di sa tlwaelesega mo go one. Rre Zambezi a re tharabololo e ka nna go dira terata ya motlakase kwa melelwaneng ka di lebega di tswa kwa mafatsheng a a mabapi.
Bontsi jwa batsena thuto puisanyo eo ba ne ba supa fa dikgwetlho tse di mo kgaolong eo di ka rarabololwa ka go ruta le go sedimosetsa batho ka dikgang tse di amang lefatshe.
Ba re gape melao le melawana e tshwanetse go baakangwa go re e kgone go tsamaelana le maiteko a bone a go tsosolosa lefatshe.
Ba supa fa ditsetlana dingwe tsa ba lekalana la CITES di ba beile ka fa mosing fa ba lebile ka fa ditlou di kgothang tikologo ka teng. Ba re maiteko a go di laola ga a tswe tema mme bone ba bona go di kgona ele fa di bolawa fela go fokotsa palo ya tsone.
Ba boletse gape fa thuto e santse e tlhaela mo bathong ka bangwe ba santse ba dumela gore go tshuba naga go bolaya kgofa e e tshwenyang leruo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : dithuto-puisano
Date : 27 Jun 2023