' Dikgaisanyo tsa mmino di godile '
27 Jun 2023
Dikgaisanyo tsa mmino le botaki di tsweletse ka go gola ngwaga le ngwaga, e bile di tsweletse ka go ntsha badiragatsi ba tlhwatlhwa ba ba itshetsang ka talente ya bone.
Se, se builwe ke mogolwane mo lephateng la banana, bong, motshameko le ngwao mo Selebi Phikwe, Mme Thandiwa Nthaba mo potsolotsong morago ga dikgaisanyo tseo bosheng.
A re dikgaisanyo tse di neng di tshwerwe e ne e le tsa lefatshe lotlhe, mme di ne di tseneletswe ke badiragatsi go tswa mafelong a farologaneng.
Mme Nthaba a re badiragatsi ba ba neng ba tseneletse makgaola kgang a, ke badiragatsi ba ba neng ba tsere maemo a ntlha le a bobedi kwa dikgaolong tsa bone.
A re bafenyi ba kgaisano e ba tla nna le sebaka sa go fiwa dietsele kgwedi e tlang kwa Gaborone, mo malatsing a a ga tautona.
E re dikgang di eme jalo, barati le barotloetsi ba dikgaisanyo tsa mmino le botaki ba ne ba itumeletse lobebe la talente e supilweng ke badiragatsi ba lefatshe leno, ba ba neng ba tsile go iteisana borathana kwa toropong ya Selebi Phikwe.
Mo dikarolo tse di farologaneng tse badiragatsi ba neng ba iteisana borathana mo go tsone, ya bo e le ntwa ya ga Goliata le Tafite, jaaka badiragatsi ba basha ba tsaa sekgele mo badiragatsing ba ba tswang kgakala le mmino wa katara jaaka Solly Sebotso, yo gatisitseng dipina tse dintsi jaaka Fong kong le Rampoka.
Ene one a ikgapela maemo a botlhano.
Mo badiragatsing ba le boferabobedi ba katara, go ne ga nna dingalo gore babogedi ba itse gore ke mang yo tla tswang sekgantshwane sa katara, go ikgapela mpho e a tla e fiwang ka letsatsi la kabo-dimpho le le tla tshwarwang kwa Gaborone kgwedi e tlang.
Ya re maduo a batseraganyi a tswa, ga fitlhelwa botlhe baletsi ba katara ba kgonne go bona maduo a kwa godimo, go supa fa gone go se bonolo go tswa ka mofenyi wa seletso sa katara.
Le fa go ntse jalo, baletsi ba katara Rre Michael Monang wa Palapye le Rre Batlaadisa Radipitse wa Mmankgodi ba ikgapela maemo a bobedi le a ntlha ka tatelano.
Mo pokong ya Sekgowa, Mme Thandy Kereeditse o ne a gapa maemo a ntlha, fa mo pokong ya setso Tito Kopanang a feta ka tse di tsididi go gapa maemo a ntlha.
Mo seletsong sa setinkane, Oteng Mpesi le Mosione Ramosese ba itlhaola mo baletsing ba bangwe go gapa maemo a ntlha le a bobedi ka tatelano, fa mo motshamekong setlhopha sa Ngami Artists go tswa Maun se ne sa itlhoma kwa pele, se longwa serota ke setlhopha sa A e Heme go tswa Hukuntsi.
Mo motshamekong o tshegisang Gaoakanyetswe Elijah wa Maun o nnile mofenyi, a longwa serota ke Oefilwe Mokgware.
Mme Nthaba o lebogetse banni ba Selebi Phikwe go bo ba ne ba tsile ka dipalo tse di kwa godimo go ema dikgaisano tse nokeng, a rotloetsa badiragatsi ba kgaolo e go dira ka natla, ba ititeye ka thupana go tsenelela makgaolakgang gore le bone ba nne le sebaka sa go ka tsaya dietsele le go tlhabolola talente ya bone.
A re dikgaisano tse di rotloetsa badiragatsi go ithekisa le kwa mafatsheng a sele gore ba bone dipoelo tse di kwa godimo le go rekisa lefatshe leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Dikgaisanyo tsa mmino
Date : 27 Jun 2023