Ditlhopho tsa bogosi di tlosolositswe
26 Jun 2023
Ditlhopho tsa bogosi kwa Kolonkwaneng mo kgaolong ya Tsabong di tlosolositswe morago ga tlhobaelo ya gore go ka tsoga mekubukubu kwa kgotleng kwa matshwititshwiti a batho a neng a tshologetse teng go tlhopha kgosi ka Matlhatso.
Motshwarelela Kgosi wa Kolonkwaneng Rre Neo Kgaudi, motshwarelela mokwaledi wa makgotla a Setswana mo kgaolong Mme Gracious Mantries, moemedi go tswa kwa ofising ya ga molaodi Mme Thapelo Lesolame, mothusa mookamela mapodisi kwa Middlepits Rre Kabo Rannau le moeteledipele wa komiti ya ditlhopho tseo Rre Itireleng Gaoetswe ba ne ba tsaya tshwetso morago ga gore bontlhopheng ba dumalane gore ditlhopho di tlosolosiwe.
Fa a rolela morafe tshwetso eo ka Matlhatso, Rre Gaoetswe o tlhalositse gore ditlhopho di simologile sentle mo maphakeleng mme ya re letsatsi le ntse le tlhatloga tlhako ya tsena kgamelong ka bontlhopheng bangwe ba ne ba ntsha batlhophi mo meleng ya tlhopho ba re ga ba a tshwanela go tlhopha go ya ka melawana e e dumalanweng.
O boleletse morafe gore e le ba komiti e e tsamaisang ditlhopho ba ne ba bitsa bontlhopheng makgetho a le mane tlhopho e ntse e tsweletse go kgalema boitsholo jo bo neng bo fatlha ka komiti e ne e amogela dingongora kgapetsa kgapetsa.
A supa jalo gore boitsholo joo bo ba swabisitse nko go feta molomo e le ba komiti e e tsamaisang ditlhopho.
A re bo ntlhopheng ba ne ba sa iketla ka ba ne ba nna digongwana-gongwana ditlhopho di ntse di tsweletse mme ba tswa mo tsamaisong e e neng e dumalanwe.
Rre Gaoetswe a re botlhopheng bangwe ba ne ba fetogile batlhanka ba mafoko a bone ka jaanong ba ne ba dira se se sa dumalanwang mo melawaneng ya tlhopho, ba heretlha morafe mme seo sa gomagometsa go tsosa tlhakatlhakano.
Sebe sa phiri e le molawana wa ntlha o ba neng ba o itiretse wa gore, ‘go tlhopha yo Omang wa gagwe o leng mo tirisong e le monni wa Kolonkwaneng,’ mme go supega fa bontlhopheng ba sa tlhalosetsa batlhophi ba bone molawana o.
Go ne go sa supege gore ke mang yo o nang le tshwanelo le yo o senang tshwanelo ya go tlhopha mme lefoko la ‘monni’ le tshwanetse la tlhalosiwa sentle.
A re go supagetse gore melawana e etsamaisang ditlhopho e ba neng ba e ipeetse e ne e reketla ka jalo e tlhoka go gagamadiwa.
Rre Gaoetswe a re go emisa ditlhopho ke tsela nngwe ya go babalela matshelo ka seemo sa itshireletso se ne jaanong se setse se tswa mo taolong.
“Ka go tlhoka lesego re tlaa emisa ditlhopho tse fa,” a tlhalosa.
Ditlhopho tseo di emisitswe morago ga gore go tlhophe batlhophi ba feta makgolo a mararo mme mela ya ba neng ba ipaakanyeditse go tlhopha e ne e santse e le meleele.
Ditlhopho tse di tla morago ga gore Kgosi Jackson Ditlhabi a tlogele tiro ka bogodi ngogola.
Mothusa mookamela Mapodisi kwa Middlepits Rre Rannau o ne a gakolola gore seemo ga se a iketla ka jaana makutlo a batho a ne a setse a simolotse go tsholetsega mme dipalo tse di foo di le kwa godimo, a re ka jalo seemo se ne se ka tloga sa tswa mo taolong.
Kgosi Kgaudi o supile fa boitshwaro jwa bontlhopheng e nnile matlhabisa ditlhong ka jalo ba boele morago go ipaakaya.
O ne a kopa batlhophi go tsenelela dipuisanyo tsa bogosi ka bontsi gore mongwe le mongwe a nne le kitso ya melawana ya tlhopho gore seemo se se diragetseng se seka sa boelela.
Mo potsolotsong, mongwe wa banana mo Kolonkwaneng yo a neng a tsile go tlhopha Mme Seitiso Kgaudi a re molao wa tlhopho o ne o sa tlhamalala, mme ba senyegetswe ke nako le madi ka bangwe ba ne ba tlogetse dikgwebo tsa bone go ya go tlhopha.
O supile jalo gore tshwetso e e tserweng ke e e maleba ka gore bogosi bo masisi, bo tshwanetse jwa seka jwa tsosa mekubukubu ka kgosi o tlhophelwa go aga motse.
“Bontsi re swabile ka gore re feletse re sa tlhopha, re ne re sa obamele melao ya kgotla re le batlhophi mme seemo seo se ne se sa nna sentle.”
Mme Maria Lentshikang ene o itumeletse tshologelo ya banana e e neng e le kwa godimo, mme mathata ele gore go ne go sa ipaakanngwa sentle mo melaong e e tsamaisang ditlhopho ka bangwe ba ne ba busiwa ko matlhophelong gotwe ga ba na tshwanelo ya go tlhopha.
A re go a supagatse fa dilo tse dintsi di ne di tlodisitswe matlho.
Ka jalo a kopa gore go baakanngwe mme ba bidiwe gape e le morafe mo nakong e e sa fediseng pelo.
A re ditlhopho di kgona go kgaoganya batho mo motseng mme go botlhokwa gore di tshwarwe ka pela gore seemo se bepe mo motseng go rene kagiso le thitibalo gape.
Bontlhopheng ba bogosi ba ne ba eme ba le lesome le boraro ebong Mme Kgalalelo Matshogo, Rre Benson Ditlhabi, Rre Obogoletse Tebele, Rre Bakang Bailelwang, Rre Diatweng Otlaadisang, Rre Monies Ditlhabi, Rre Kgosietsile Kgaudi, Rre Thuso Ditlhabi, Rre Merchant Tumaeletse, Rre Moroka Tumaeletse, Rre Modiegi Madiego, Rre Omphemetse Mosweu, le Rre Itumelo Lentshikang. Ends
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Kolonkwaneng
Event : Bokopano
Date : 26 Jun 2023