Magosi ga a batle bojalwa jwa setso mo malwapeng
25 Jun 2023
Maloko a Ntlo Ya Dikgosi a kopile gore bojalwa jwa setso bo seka jwa rekisediwa mo malapeng.
Ba re bangwe ba rekisa bojalwa jwa setso ba bo patagantse le majalwa a segompieno a a sa siamelang go rekisiwa mo malapeng.
Ba buile jaana ka Laboraro kwa phuthegong ya bone ba tshwaela mo pegong ya ga Tona wa Papadi le Madirelo Rre Mmusi Kgafela yo o neng a ba rerisa ka patlo maikutlo mabapi le tshekatsheko molao wa thekiso ya bojalwa.
Molao o, o batla go bona gore go ka dirwa jang gore setshaba sotlhe se lemoge mosola wa gore fa bojalwa bo tshwarwa sentle bo ka seke bo nne sekgoreletsi mo setshabeng.
Fa ba akgwa tona dikgaba ka dingwe tsa dintlha tse a buileng ka tsone jaaka bojalwa jwa setso gore bo nne sekgala le dikereke, tsela kana dikwele, modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Puso Kgosi wa Batlokwa o kaile fa ba tshwentswe ke kgang ya bojalwa jo bo rekisediwang kwa malwapeng, a kaya gore gantsi fa go ka tlhotlhomisiwa ga se bojalwa jwa setso fela bo le nosi, batho bangwe ba rekisa le jwa sekgowa.
Kgosi Puso o kopile gore go tlhotlhomisiwe gore a mme batho botlhe ba ba rekisang bojalwa ba na le teseletso.
Kgosi Ezekiel Joel wa Bobirwa o ne a kaya gore go titiela bojalwa le go rekisediwa ga jone fa kgodisong ya bana ga go a siama, a kaya gore gape go diga seriti sa lolwapa.
Kgosi Kebonyetsala Fish go tswa kwa Nokaneng o ne a tla ka mogopolo wa gore bojalwa bo ka rekisediwakwa a go biditseng centre market.
A re fa go ntse jalo bogogi le ba ba amegang ba ka bona gore fa bo le koo go nna le ba ba tlhokometseng go bona gore dilo di tsamaya sentle.
Kgosi gape o kaile gore o eletsa gore tiriso ya mabotlele a a borai e ka fokodiwa ga tsenngwa bojalwa mo mabotleleng a a seng borai. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Wren
Location : Gaborone
Event : Ntlo ya Dikgosi
Date : 25 Jun 2023