Tiriso ya maranyane konokono
25 Jun 2023
Go agwa ga diposo le go a atolosa go tsisa tshiamelo mo pusong le mo bathong ka ditirelo di goroga ka nako.
Se, se builwe ke tona wa Ditlhaeletsanyo, Dikitso le Boranyane, Rre Thulagano Segokgo fa a bula semmuso poso kwa Sebina ka Labobedi.
A re diposo di aname le lefatshe, ka jalo batho ba akola ditirelo le tiriso ya maranyane motlhofo.
A re diposo di dira tiro e ntle ka go fa ditirelo di tshwana le go kgethisa dikoloi le go amogedisa bagodi, selo se a supileng fa se fokoletsa batho mesepele le ditshenyegelo tsa go latela ditlamelo kwa maphateng a a amegang.
Rre Segokgo o boletse fa puso e le mo thulaganyong ya go isa difomo tsa maphata mangwe kwa posong gore batho ba kgone go di tlatsa ba dirisa maranyane.
A re seo e tlaa bo e le go atumetsa ditirelo kwa bathong, bogolo jang ba ba kgakala le ditlamelo le go fokotsa mosuke le ditshenyegelo tsa mesepele.
“Kitso le tiriso ya maranyane e ka thusa go godisa itsholelo le go tlhabolola matshelo a batho gammogo le lefatshe,” ga bua jalo Rre Segokgo.
Tona o ne a lebogela tshwaragano ya poso le Botswana Communications Regulatory Authority (BOCRA), a re ba kgonne go aga poso eo go thusa puso ka e santse e sa kgone ka ntata ya tlhaelo ya madi.
O ne gape a akgola makalana ao, a re ka lemmenyana le ba neng ba na nalo ba kgonne go aga kago eo ka ponyo ya leitlho, e e tlaa sologelang banni ba Sebina le metse e e mo tikologong molemo.
O boletse fa puso e tsweletse ka go gokela maranyane a internet kwa dikoleng, dikgotleng le dikokelo, go atumetsa ditirelo kwa bathong le go ba fa sebaka sa kitso ya tiriso maranyane a tsa tlhaeletsanyo.
Mookamedi wa BotswanaPost, Rre Cornelius Ramatlhakwane a re dikago tsa poso di sale di agilwe bogologolo e bile di onetse.
A re ka lenaneo la CR7 ba kgonne go aga diposo di le nne le go ntshafatsa tse tharo jaaka ya Sebina ka P7 million.
O ne a supa fa ba ikaeletse go aga tse dingwe di supa monongwaga.
A re mo go tse nne tse, ba tlaa bo ba thusiwa ke BOCRA fa tse tharo e tlaa nna morwalo wa poso.
Mogolwane wa BOCRA, Rre Itumeleng Batsalelwang a re fa esale go tswa ka dingwaga tsa bo1875, tiriso ya poso e ntse e le konokono mo matshelong a batho.
Rre Batsalelwang a re ka jalo ba ne ba bona go le botlhokwa go itshwaraganya le diposo go leka go tsosolosa le go aga diposo ba tshwaragane le ba letlole la Universary Service Access Fund.
A re ka letlole leo, ba kgonne go ntshafatsa le go godisa mafaratlhatlha a ditlhaeletsanyo go re batho ba kgone go akola tiriso ya megala ya letheka sentle.
O boletse fa ba ikaeletse go re e re ngwaga wa madi o wela ba bo ba agile diposo di le tlhano.
E ne e rile pele, fa a amogela baeng, Kgosi Shathane Kgakanyane a lebogela kago ya poso, a re banni ba ntse ba sokola ka ba ntse ba dirisa lefelo le le sa phuthologang e bile le onetse.
Kgosi Kgakanyane o ne a kopa gore go agwe moriti mo lefelong leo, gore bagodi ba seka ba sokola ka nako ya dikamogelo.
O ne gape a ikuela kwa go tona mabapi le tiriso botlhatswa ya maranyane a tsa tlhaeletsanyo, bogolo jang facebook, a kopa gore molao o gagamadiwe gore ba ba tswang mo tseleng ba otlhaiwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : SEBINA
Event : PULO YA POSO
Date : 25 Jun 2023