Mafaratlhatlha a tlaa thusa
25 Jun 2023
Puso e beile monwana P1.2 billion go aga mafaratlhatlha a motlakase mo kgaolong ya Tsabong mo dingwageng tse pedi tse di tlang go fokotsa go ikaega mo Afrika Borwa.
Bontsi jwa metse e e bapileng le melelwane ya mafatshe a Afrika Borwa, Zimbabwe, Namibia le Zambia, e tsaya motakase kwa mafatsheng ao ka tumalano e a nang le yone le Botswna, ka metse e, e le kgakala le pitsa ya motlakase ya Morupule.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Tsabong ka Labobedi, tona wa Ditswammung le Kgotetso, Rre Lefoko Moagi o ne a re go ntse go se na bothata mo nakong e telele fa metse ya Kgalagadi Borwa e tsaya motlakase kwa Afrika Borwa, mme koketsego ya dipalo tsa batho le dikgwetlho kwa lefatsheng leo, di lerile tlhaelo ya motlakase e bile o kgaoga kgapetsakgapetsa.
Jaanong ditogamaano di tsweletse go tsenya metse eo mo mafaratlhatlheng a lefatshe lotlhe mme go seegetswe P1.2 billion go gokela motlakase mo kgaolong e jaanong e bidiwang ya Tsabong.
Tona Moagi o boleletse banni gore P150 million o setse a dule mo ngwageng ono wa madi go simolodisa kgokelo mme e tlaa simolola pele ka go dira tshekatsheko ya tikologo go dupa diphatsa fa dipale tsa motlakase di tlaa tsamayang teng.
A re go tlaa tlhongwa dipale sekgala sa dikhilomithara tse 570 go tswa Thamaga go ya go ema kwa Struizendam, mme di tlaa feta ka Jwaneng, Sekoma, Werda, Tsabong, Middlepits le Bokspits.
O supa fa motlakase o o tlaa fetlhwa go tswa Morupule mme go solofelwa gore tiro eo e tlaa tsaya dingwaga tse pedi fa dikonteraka di le nne di tlaa kgaoganngwa ka mafelo go fefosa tiro.
A re banni ba none pelo ka mathe ka gore mabolokelo a mabotlana a tlaa nna teng go thusa go tsamaisa motlakase oo.
A ntlha a tlaa nna kwa Werda, Tsabong, Middlepits fa a mangwe a tlaa tlhongwa kwa Bokspits.
O ne a tlhalosa gore lephata le tlaa tswelelela ka go lekodisa morafe gore tiro e tsamaya jang. E re ka kgaolo eo e ikadile le molelwane wa Afrika Borwa kwa e tsayang motlakase teng, dipuisanyo di tsweletse go senka ditselana tsa go bona gore go ka fokodiwa kgaogo ya motlakase kgapetsakgapetsa jang fa lefatshe leno le santse le ipaakanya.
Tona Moagi a re lephata leo le tsweletse ka ditogamaano tsa go fetlha motlakase mo lefatsheng leno, a re ba tlaa atolosa mafaratlhatlha a motlakase kwa mafelong a a neng a saletse kwa morago.
Maikaelelo ke gore 30 per cent ya phetlho ya motlakase e bo e le mo go fetlheng mo go babalesegileng jaaka go dirisa marang a letsatsi le tse dingwe.
Mo nakong eno, metse e e kgakala le dipale tsa motlakase e tlaa gokelwa motlakase wa marang a letsatsi gore go nne botoka go atumetsa ditirelo.
O ne a tlatsa ka go re mo Tsabong go tlaa fetlhwa megawatts tse nne ka marang a letsatsi.
Ka jalo a rotloetsa ba di makgotla, dikoporase, le ba dikomiti tsa ditlhabololo go tsaya karolo ka gore go tlaa lejwa bone pele ga boradikgwebo.
O ne a ba rotloetsa go ikgolaganya le ba ba adimisang madi gore ba kgone go fetlha motlakase wa mofuta o.
A re mo nakong eno go setse go goketswe motlakase mo metseng e le mmalwa ka selekanyo sa 80 per cent ka P5.6 million go akaretsa MacCathy’s Rust, Vaalhoek, Khawa, Sekoma, Hukuntsi, Maake le e mengwe.
Ntswa metse e gola, ba ba amogelang madi a a kwa tlase ga P2 500 ba tlaa thusiwa go gokela mme ba tlaa lopiwa P2 400 gore mongwe le mongwe a kgone go gokela.
Modulasetilo wa khansele ya Tsabong, Rre Hendrick Jacobs o kopile gore boradikonteraka ba ba tlholegang mo kgaolong eo ba akanyediwe gore le bone anywe sengwe mo go tlhomeng dipale tseo.
O ne a kopa gape gore madi a a lopiwang ba ba dikobo dikhutshwane a fokodiwe go nna P1 000 e seng P2 400.
Fa a lekodisa tona ka seemo sa motlakase mo Tsabong, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme Nkele Tebele a re tlhako e tsene kgamelong mo motseng oo.
A re motlakase o simolotse go kgaoga kgapetsakgapetsa ngogola, selo se se amang matshelo kwa gae, dikgwebo le botsogo jwa batho.
Mme Tebele o ne a supa gore le mananeo a puso e a fang Batswana a felela a reketla ka mangwe a bereka ka motlakase.
O ne a supa gore seo se ama phatlalatso ya metsi le tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Tsabong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Jun 2023