Breaking News

Borre ba rotloediwa go tsibogela bongaka

23 Jun 2023

Lephata la botsogo le tshwentswe ke mokgwa wa borre wa go tsibogela bolwetsi bo setse bo tsere phekelo e sele.

Fa a bua ka Matlhatso morago ga mogwanto o o neng o rulagantswe ke lekgotla la bomme la Dingwetsi Association kwa Maleshe kwa kgalong ya Tsabong, go ipelela letsatsi la borre, mooki mogolo kwa kokelong ya Maleshe, Rre Tebogo Lesarwa a re ba tshwenngwa ke borre ba ba maoto a tshupa go ya kokelong fa ba sa tsoga mme ba ye bolwetsi bo setse bo keketse.

A re ba itemogetse fa borre ba sa tsibogele botsogo mo yaareng bangwe fa ba ile kokelong ba seke ba bolelele ba botsogo nnete, ba bapise se se diragalang.

“Fa e le malwetsi a dikobo ga ba ke ba tlhamalala go bolela gore ba lwala eng. Ba tsiboga nako e setse e tsamaile masole a mmele a setse a le kwa tlase. A re ititeyeng ka thupana borra re itoke bolwetsi sentle,” Rre Lesarwa a kgothatsa.

A re ba botsogo ba itemogetse gore mo malwetsing a dikobo, bomme ke bone ba tsibogang go ya dikokelong go tsaya kalafi.

“Mme kana gore re lo alafele malwetsi a dikobo, go batla lo le mmogo gore re kgone go fenya bolwetsi,” Rre Lesarwa a supa, a bo a kopa borre ba ba neng ba tshologile pitso ya bomme ka dipalo, go dira loaro lwa borre lo lo babalesegileng ka lo ka thusa go ba sireletsa mo malwetsing a dikobo mme gape lwa babalela le ba ba tlhakanelang dikobo nabo.

Rre Lesarwa a re ba tshwentswe ke gore borre ba boutsana mo go tseyeng ditlamelo tsa thibelo pelegi fa ba tshwantshanngwa le bomme.

O rotloeditse borre go isa bana sekaleng ka gore go dirilwe thulaganyo ya gore bone ba seka ba fola mo moleng fa ba isitse bana kokelong e le tsela ya go ba tiisa moko go tsaya karolo mo botsogong jwa bana ba bone.

Modulasetilo wa mokgatlho wa Dingwetsi Association kwa kgaolong ya Tsabong, Mme Lilian Ntau a re lebaka la go ipelela letsatsi la borre ke go ba lemotsha gore ba itse botlhokwa jwa bone mo malwapeng.

Mme Ntau a re mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, borre ba ne ba gapela bomme matshelo ka dipalo tse di kwa godimo. A re mokgatlho oo o tlhametswe go buseletsa serodumo sa lenyalo, gore bana ba golele mo malwapeng a a itshekileng.

Mokhanselara wa Tsabong Bokone, Rre Edward Coetzee a re go botlhokwa gore borre ba ikage sesha.“Fa e le gore o rre yo o ntseng o keteka mme ke kopa gore fa o tswa fa o ye go ikaga sesha,” Rre Coetzee a kopa.

A re puso e tshwentswe ke dikgang tse di amang borre jaaka kgokgontsho ya bong, dithubetso, go tlhakanela dikobo le bana ba dingwaga tse di kwa tlase mme a kopa gore borre ba itshekatsheke, ba emise mokgwa o. Mokhanselara o supile fa kgaolo ya Tsabong e ntse a farafarwe ke dikgetsi tsa go tlhakanela dikobo le bana ba dingwaga tse di kwa tlase, di le 119 mme selaga se tshwara borre ka jalo a ba kopa go ikgakologelwa.

Rre Coetzee a re borre ba tshwanetse ba aga malwapa a bone sentle, ba emise go nna bogale kwa malwapeng, ba tsise monyenyo le boitumelo ba seka ba nna ditau mo malwapeng ka bana le mosadi ba tlaa tshela ka letshogo,”  Mokhansalara Coetzee a gakolola.

dikokelong fa ba faraferwe ke diemo go na le go ikgapela  botshelo. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : MALESHE

Event : Mogwanto

Date : 23 Jun 2023