Banni ba kopa go thapelwa kgosi
22 Jun 2023
Banni ba Majwanaadiptse kwa kgaolong ya Serowe Bokone,ba kopile lephata la dikgaolo le tlhabololo magae go fefosa thulaganyo ya go tlhomelwe kgosi.
Ba boletse fa ba ne ba kopane e le morafe wa Majwanaadipitse ngwaga tse pedi tse di fetileng, ba ntsha leina la yo ba mmatlang go nna kgosi ya bone ba le neela barongwa go tswa kwa Serowe, mme nakokgolo ke eno ga go nko e tswang lemina.
Ngongora e, e dule kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talita Monnakgotla kwa Majwanaadipitse ka Labobedi.
Banni ba boletse fa matshwenyego, dikgang le ditsheko tse di batlang kgosi di eme mme ba bona thuso fa ba ile kwa Serowe.
Ba re kgosi ya Tshimoyapula e e ka bong e ba thusa segautshwane a sa kgone ka gore o thusa ba Tshimoyapula lemororo a sena ofisi ka e ne ya jewa ka molelo ngogola.
Banni ba boletse fa bogodu jwa leruo bogolo jang le ba le abetsweng ke puso, go thusiwa ba ba kgakala le ditlamelo le utsiwa bobe mme ditsheko di kgweleanye go sena yo o di potlakelang.
Mongwe wa banni, Rre Ontiretse Didibeng o boletse fa motse o tletse borukutlhi jo bo farologanyeng ka go sena kgalemo ya kgosi.
Rre Didibeng o boletse fa leruo bogolo jang dihutshane le dikgomo tse di neng di filwe banana ka mananeo a puso di utswilwe ka bokete. F a Rre Motshegetsi Sefophe a boletse fa bontsi jwa dilo jaaka ditlhabololo, di felela kwa motseng wa Tshimoyapula a supa fa ba thusiwa ke gore ba na le kgosi. Banni ba re le fa kgosi ya Tshimoyapula e ba thusa, ga go a lekana. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya motse, Rre Lefoko Keogotsitse o boletse gape fa ba sena mmaboipelego mo dikgang tse dintsi tse di mo tlhokang di saletse morago.
Kgosi Lenkagetse Keipheditse wa Tshimoyapula, O boletse fa banni ba Majwanaadipitse ba ne ba ntsha leina ba le romela kwa go maleba kwa Serowe mme ya re morago banni bangwe ba Tshimoyapula ba ikwadile maina, ba isa ngongora gore ga ba amogele leina leo mme ga tsala tiego.
Kgosi o boletse fa a ka seke a ba thuse sentle a tswa kwa Tshimoyapula ka le gone go na le bothata go sena kwa a direlang teng, ofisi ya gagwe e ne ya jewa ka molelo ke banni bangwe ba Tshimoyapula ba ba neng ba batla ngwana mongwe gotwe o timetse.
Mogokaganyi wa ditirelo tsa makgotla a Setswana kwa kgotleng kgolo ya Gammangwato, Rre Badiredi Olerile, o boletse fa leina le ne le dumalanwe mme morago bangwe ba ipeleetsa mo jaanong go tlhokegang gore mothusa kgosi wa GaMmangwato, Kgosi Serogola Seretse le ba bangwe, ba boe gape go tla go kopana le ba ba lebanweng ke bogosi go buisana gore ba batla mang. Mme Monnakgotla o gakolotse gore ba tseye kgang ya bogosi ka matsetseleko ka e le masisi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MAJWANAADIPITSE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Jun 2023