Breaking News

Sireletsang ditswammung -Moagi

22 Jun 2023

Tona wa lephata la Ditswammung le Kgotetso, Rre Lefoko Moagi o rotloeditse banni ba kgaolo ya Tsabong go tsaya karolo mo go sireletseng ditswammung tse di fitlhelwang mo kgaolong ya bone.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Werda ka Labobedi, tona Moagi a re ditswammung di tshegeditse itsholelo ya lefatshe leno, ka jalo go botlhokwa go di sireletsa.

A re dikhamphani ka go farologana di tsweletse ka go dupa ditswammung mo dikgaolong tsa lefatshe leno ka bophara ka go farologana. Mme mo kgaolong ya Tsabong go na le dikopo tsa go dupa ditswammung tse di farologanyeng di le masome a maratato.

Mo go tsone, Rre Moagi a re tse di masome a mabedi ke tsa diteemane, tse di masome a mararo le borobabobedi ke tsa kopore, mme fa tse pedi e le tsa magala jaaka Uranium, le tsone tsa gauta.

Ka jalo o ne a ba gakolola gore ba ka kgona go reka diabe mo dikhamphaning tseo go tlhabolola metse ya bone.

A re melawana ya lephata leo e supa gore beng ba metse ba bewa kwa pele fa ba ka supa kgatlhego ya go fetlha motlakase wa marang a letsatsi, ka jalo o rotloetsa di Trust, dikoporase le dikomiti tsa ditlhabololo go tsaya karolo mo go ikopeleng tlhoma mafaratlhatlha a motlakase wa marang a letsatsi fa dithendara di bulelwa mo bekeng eno.

O tlhalositse gore dikitso tsotlhe ka ditswammung di tlaa tsenngwa mo maranyaneng gore ope fela yo o eletsang go itse, a kgone go tlhodumela mo maranyaneng go itse gore go dupiwa eng kana go kile ga dupiwa eng mo kgaolong. Mme e bile le di ikopelo di ka tsenngwa mo maranyaneng gore moikopedi a seka a ya Gaborone.

Tona Moagi a re e tlaare mo Palamenteng e e tlang ka Phukwi, lephata leo le kope gore go shwafadiwe melawana ya kepo ya ditswammung, go sireletsa tikologo le banni ba ba foo ka gore ba itemogetse gore go na le dikhamhani tse di sa saleng tsamaiso ya tikologo morago.

Mo go tse dingwe, tona Moagi a re lephata leo le tshwenngwa ke bangwe ba ba epang ditswammung ba sena diteseletso, ka seo se kgona go ama tikologo.

 Ka jalo a kopa gore ba ba eletsang go epa metlhaba, karabole, kalaka le tse dingwe fela jalo ba kope teseletso pele mme ba epe ka thulaganyo e e sa kgotleleng tikologo.

Mabapi le seemo sa kgaogo ya motlakase kwa Tsabong  moeteledipele wa Botswana Power Corporation Rre David Kgoboko a re maiteko a a dirwa go fokotsa seemo seo.

O ne a solofetsa banni ba Werda gore go tlaa buisanngwa le baagaisanyi ba Afrika Borwa ba Eskom, gore ba tsise motlakase o o sa kgaoga-kgaogeng go lebilwe gore kgaolo eo ga e dirise motlakase o mo ntsi. “Maiteko a tlaa dirwa,” a tlhalosa.

Mopalamente wa pele wa Kgalagadi Borwa, Rre John Toto a re ba tswa kgakala ba sokodisiwa ke seemo sa motlakase mo kgaolong eo, mme o lebogela lenaneo le lesha la go ala motlakase ka madi a P1.2 billion mo kgaolong eo mo ngwageng tse pedi go simolola ngwaga ono.

Rre Toto o ne a kopa gore meepo e bulwe mo kgaolong ya Tsabong go tokafatsa itsholelo.

Mokhanselara wa Gakhibane, Rre Tirelo Pule ene a re kgaolo eo e na le ngwaga tse pedi e na le bothata jwa motlakase, ka jalo seemo seo se tshwanetse sa baakanngwa ka ponyo ya leitlho. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : WERDA/TSABONG

Event : phuthego ya kgotla

Date : 22 Jun 2023