Monna o tlhokafala mo kotsing ya tsela
22 Jun 2023
Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone mokgweetsi wa dingwaga tse masome a mane le botlhano, a neng a latlhegelwa ke botshelo morago ga gore koloi e a neng a tsamaya ka yone ya Isuzu Double Cab e thulane le koloi e nngwe.
Tiragalo e, e diragetse ka Labotlhano ka nako ya borataro maitseboa, gaufi le Serinane.
Mo potsolotsong Superintendent Amos Kekgathetse, o tlhalositse fa koloi e nngwe ya Toyota Camry, ene a tswa ntlheng ya Molepolole, fa ya moswi e ne a tswa ntlheng ya Letlhakeng.
O tlhalositse fa mokgweetsi wa koloi e nngwe a sedilega kwa sepateleng sa Scottish Livingstone kwa Molepolole, fa mopalami yo a neng a na le ene a sedilega kwa lwapeng.
Supt Kekgatlhetse o tlhalositse fa moswi a le kwa setsidifatsing sa sepatela sa Princess Marina kwa Gaborone.
Supt Kekgathetse o ne a gakolola bakgweetsi gore ba seka ba kgweetsa ba itshietse nnotagi. O gakolotse gape gore ba ba senang ditlankana tsa go kgweetsa ba seka ba kgweetsa ka seo ele molato ebile go tsenya matshelo mo diphatseng.
O tsweletse ka go gakolola bakgweetsi gore ba sutele ba bangwe fa ba bona ba sa kgweetse sentle, gore ba tile dikotsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 22 Jun 2023