Dirisang maranyane sentle - mogolwane
21 Jun 2023
Baithuti ba dikole tse di farologanyeng mo Kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba gakolotswe go dirisa maranyane ka fa go tshwanetseng e bile go sireletsegile ka a ka ba thusa go tokafatsa dithuto le go ba betlela isagong e e lolameng.
Morutabana go tswa mo sekoleng sa Tsabong Unified Secondary School (TUSS), Rre Desmond Pelotheri o buile se mo letsatsing la go ipelela ngwana wa mo Afrika bosheng jaaka baithuti ba dikole tse di potlana di akaretsa sa Nhake, Tsabong, le Seetelo le se segolwane sa TUSS ba ne ba ipelela letsatsi leo.
Rre Pelotheri o ne a tlhalosa fa letsatsi la Ngwana wa mo Afrika e le go seka seka kwa lefatshe le tswang teng ka dikgang tsa bana.
O boletse fa ka lone letsatsi le kwa lefatsheng la Afrika Borwa banana le bana bangwe ba dikole ba ne ba tswa ditlhabelo mme ba latlhegelwa ke matshelo ka ngwaga wa 1976 ba le 575 fa bangwe ba le 3 907 ba ne ba gobala ka lebaka la go lwela ditshwanelo tsa bana ka jaana ba ne ba patelediwa go rutwa ka puo ya seburu kana Afrikaans ka nako ya puso ya tlhaolele ya nako eo.
Morutabana o ne a gwetlha baithuti ba nako eno go ikgapha mo dilong tse di duleng mo tseleng mme ba tsepame mo go tse di ka fetolang matshelo a bone le go dirisa ditalente tsa bone ba tsentse marapo dinameng ebile ba dira ka peloyotlhe ka seo se ka ba thusa go nna baeteledipele ba tlhwatlhwa mo isagong.
Mothusa tautona wa Kgalagadi Children’s Consultative Forum (KCCF), Mme Nametso Mpoelang o ne a tlhalosa fa lekalana leo le bopilwe ka fa tlase ga molao wa bana wa Children ACT 2009 section 34, mme maikaelelo a lone e le go buisana ka dikgang tse di tshwenyang bana le gore ba neelwe sebaka sa gore ba ntshe maikutlo a bone gore tsotlhe tse di ba tshwenyang di tsibogelwe le go rarabololwa.
O boletse fa bana ba segompieno ba le lesego ka go akola ditirelo tsa maranyane ka e le botshelo jwa tsatsi le letsatsi mme seo se ba thusa go nna le kitso tse di maleba le go ithuta mo go tseneletseng.
A re seo se ka ba thusa go tokafatsa dithuto tsa bone fa ba a dirisa ka fa go tshwanetseng ka teng ebile ba na le boikarabelo.
A re le fa go ntse jalo maranyane a ka tswa a siame gape a sa siama ka go na le dikgwetlho dingwe tse di amang bana ka bangwe ba a dirisa ka fa go sa siamang ka teng. Mme Mpoeleng a re e re ka jaana maranyane a ka timetsa le go aga ngwana batsadi ba tshwanelwa ke go tsaya boikarabelo le go nna le seabe se se tona mo go tlhomamiseng, go laola le go baa leitlho ka fa bana ba dirisang maranyane ka teng.
O ne a tlatsa ka go supa fa boikarabelo ka tiriso ya maranyane bo tlhoka go tshwaraganelwa ke ba- na – le- seabe botlhe. Mongwe wa batsadi Mme Delenkie Tlhojane mo puisanong o ne a supa fa ba itemogetse fa bana bangwe ba dirisa maranyane ka fa go sa siamang ka teng mme a kaya fa e le batsadi ba tshwanela ke go ema ka dinao go kgalema gore bana ba dirise maranyane sentle mo go tse di ka ba solegelang molemo.
Letsatsi leo lene le tshwerwe ka setlhogo se se reng Ditshwanelo tsa Ngwana mo go tsa Maranyane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ka Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Letsatsi la ngwana wa Mo Afrika
Date : 21 Jun 2023