Breaking News

Balemi ba kopa temo ya go gasa Peo

21 Jun 2023

Balemi barui ba Chadibe le Borotsi ba kopile puso go ba letlelela le go ba duelela go lema ba gasa dipeo ka go le bofefo e bile ba ka tshwara bokgola bo ise bo tsamaye. 

Balemi ba boletse fa temo ya ditselana e siame mme sebe sa phiri ele gore ditshukudu tsa temo di a tlhaela mo kgaolong ya bone, fa bangwe ba sa di dirisi sentle fa ba lemela batho gape di tsaya nako go lemela balemi.

Ba jwala morago bokgola bo setse bo ile.

Ba ntshitse ngongora eo mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente wa bone wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesetegile Gobotswang, yo o neng a ba lekola a ba itsise ka tsa palamente  ee fetileng le mananeo a mangwe.

O ne gape a tsaya megopolo mo go bone le matshwenyego. Ba ntshitse mogopolo wa gore bangwe ba  ka  gasa peo mme ba  leme ka ditselana ka thuso ya puso.  

Mme Thuso Gaborapelwe wa Chadibe o boletse fa go lema ka ditselana go le mosola mme go ba siisa bokgola, a re bogologolo ba ba neng ba lema ba gasa ba ne ba bolaya thobo thata ba sa bolawe ke tlala a re gompieno le magapu e kgaolo e, e itsiweng ka one, a padile.

Fa a mo tlatsa, mme Gomolemo Baitatudi, o boletse fa monongwaga dipula di ne di le boutsana thata mo bangwe ba sa kgonang go lema go tshwara bokgola.

Rre Timothy Siki wa kwa Borotsi le ene o boletse fa monongwaga balemi ba sa tswa ka sepe kwa masimong ka ba ne ba siiwa ke bokgola, a bolela gape fa barui bangwe ba lesa leruo la bone le ba senyetsa mo masimong.

Fa bangwe ba lesa masimo a bone a sa agelelwa leruo le tswa pelo go tsena mo teng. O boletse fa go gasa gole bogadi bo gaufi fela thata.

Erile a ba araba mogolwane wa balemisi rre Fredrick Rantsho, a boletse fa go lema ka ditselana go sekasikilwe fela thata ebile go bonwe fa go le botlhokwa thata go ntsha thobo e ntsi.

Rre Rantsho o boletse fa go lema ka ditselana e le tsamaiso  ya puso gore balemi ba thusiwe ka go duelelwa diterekere le go fiwa peo le monontshane. O ba rotloeditse go lema ka ditsela ka go ntsha thobo e e lekaneng.

Mogolwane o ba rotloeditse gape go ipaakanyetsa letsema le le tlang, a re ba baakanye diterata tsa masimo kana magora, ebile ba katise tse di lemang.

O ba rotloeditse go lema dipeo tsa bogologolo tsa thago, a bolela fa peo ya mmoulo e ba tlhokisa thobo.

O boletse fa go gasa go bitsa tlala ka dijwlao di lwela metsi le menontshane le mhero mme ka ditselana go le bonolo go tlhagola, go roba le go tsamaya fa gare ga dijwalo.      

Mo go tse dingwe banni ba boletse fa bogodu jwa leruo bo ba apesitse kobo ka letshoba e bile ba setse ba dirile dikomiti tse ba bo lwantshang, mme sebe sa phiri e le gore fa ba tshwara legodu mapodisi ba nna maoto a tshupa go tla go ba thusa go tsaya dipolelo.

Rre Molaodi Mokibe o boletse fa ba gatetse pele thata ka go tshwara magodu a leruo mme ba kgoreletswa ke batho bangwe ba ba fitlhang magodu mo malwapeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : CHADIBE/BOROTSI

Event : Potsolotso

Date : 21 Jun 2023