Maxy o tlisa kgalemo ka pina
21 Jun 2023
Seopedi se se itsegeng ka go opela le go tlotlomatsa ngwao ya Setswana, Maxy Sedumedi kana Queen of Sands o gatisitse pina e bidiwang Tshabang Wee, e e supang kgalemo.
Maxy, yo a tumileng ka dipina di tshwana le Tlhabano, Rebatswana,Titisi le Hellow My Baby, o tlhalositse mo potsolosong gore pina e, e tlhalosa gore ke nako ya go kgalema, bogolo jang mabapi le boitshwaro jo bo fatlhang mo setshabeng.
Maxy Khoisan o tlhalositse gore e rile morago a sena go ntsha pina ya Tlhabano ka 2020, e le ya moribo wa khwaere, tatedi ya yone e ne e le kwa godimo, ka jalo Batswana ba mo kopa gore a ntshe pina e nngwe ya khwaere.
Pina ya Tshabang Wee, e gatisitsweng ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga ono, o tlhalosa fa le yone e le Moribo wa khwaere, mme e ka natifisa kwa meletlong.
Maxy, yo gape a bidiwang Mma Gauta a re pina e tlisa kgalemo gore bogogi bo tshwana le Dikgosi, mapalamente, batsadi le bogogi jotlhe mo setshabeng jo bo eteletseng pele mo ditirong bo tlotlwe.
O supile fa pina e, e kgalema ka go dirisa manatetsha puo a tshwana le naga e senang khudutlou bolobeto ba ipha naga, ele gone go supa gore fa go senang moeteledipele go a itirelelwa. Maxy o tlhalosa fa pina e, e setse e gatisitswe mo diromamoweng tsa mo gae, mme gape a supa fa Batswana ba e ratile thata ka e bile ba rata mmino wa dikhwaere. Ba ba batlang go reetsa pina e, o kaile fa ba ka e bona mo maranyaneng a a gatisang dipina.
“Pina e ka bokhutshwane e gakolola Batswana gore ba tshabe go dira tse di duleng mo tseleng ka gore Batswana ba itsege ka boitshwaro jo bo siameng, ka jalo ba tshwanetse go ikgakologelwa le go tlotlana, bogolo jang ka ngwao ya rona e ikaegile ka seo,“ a tlhalosa jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Wren
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Date : 21 Jun 2023