Breaking News

Thuto ya bana e tlhoka botlhe - Kapinga

20 Jun 2023

Mopalamente wa Okavango, Rre Kenny Kapinga o gakolotse batsadi gore ba tshwaraganele le barutabana thuto ya bana gore e tle e tokafale.

Rre Kapinga o buile seo mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Seronga bosheng.

A re maduo a dikolo tsa Okavango bogolo jang tse di kwa boseja ga noka a ko tlase fela thata, mme a re ke boikarabelo jwa batsadi go bona gore bana ba nna le bokamoso jo bo botoka. O buile gape a re ke boikarabelo jwa boeteledipele go bona gore thuto ke ya boleng.

Fa a akgela mo go tse dingwe, Rre Kapinga o ne a tlhalosa fa kwarantini ya kgomokgwana e tla a bulwa mo kgweding eno. A re seo se tla a thusa barui ba metse ee kwa moseja gore leruo lwa bone le emele go ya matlhabelong gautshwane.

Banni ba Seronga ba ne ba dumalana fa maduo a bana ba sekolo a tshwenya, ba tlatsa ka gore ditlou le tsone di ba senyetsa masimo. Fa akgela, Mme Gasenna Kayoba o ne a re maduo a bana ba sekolo a utlwisa botlhoko ka fa a welang tlase ka teng.

Mme Koyaba o ne a re ditlou di a ba tshwenya fela thata gape a re go na le tlhaelo ya bodiredi mo di ofising di tshwana le ya ba diphologolo.

Mme Galetshajwe Sewelo ene o ne a supa fa thuto ya bana e tshwenya mo kgaolong eo, mme a re se se baka kutlobothoko, ka gore batsadi ba tsenya bana sekolo gore ba kgone go itshetsa ba godile le go ka thusa bone batsadi.

Rre Diteko Ditirwa le ene o ne a supa matshwenyego ka thuto le diphologolo tsa naga tse di ba jelang masimo, mme tse dingwe di sena phimolo dikeledi. Mo go tse dingwe, banni ba ne ba galaletsa lekgotlana la kabo ditsha la Seronga ba re le dira tiro e ntle ya go abela banni ditsha tsa bonno.

 Fa a bua, mogokgo wa sekolo se segolwane sa Ngambao sa Seronga, Rre Keitheile Sethapelo o ne a re maduo a baithuti a supa fa dikolo tse dipotlana le tse dikgolwane tse di kwa Okavango di sa dire sentle gotlhelele.

Rre Sethapelo a re go botlhokwa gore batsadi le barutabana ba tshwaraganele thuto ya bana.

O ne a gakolola batsadi gore ba nne ba tlhola dibuka tsa bana le go ya bokopanong jwa batsadi le barutana.  A re barutabana ba nna ba bitsa go gakolola batsadi ka fa bana ba sa reetseng ka teng. Mogolwane go tswa ofising ya ba diphologolo kwa Seronga, Rre Ookeditse Ramokatane ene o ne a re ofisi ya bone e na le tlhaelo ya ditlamelo jaaka bodiredi le dikoloi ka kgaolo e le bophara.

Rre Ramokatane o ne a tlhalosa fa kaedi ya phimolo dikeledi e le yone e ba kaelang gore ba ka phimola barui dikeledi mo dijalong dife mo temong fa ba senyeditswe ke diphlogolo.  -  Mopalamente wa Okavango, Rre Kenny Kapinga o gakolotse batsadi gore ba tshwaraganele le barutabana thuto ya bana gore e tle e tokafale.

Rre Kapinga o buile seo mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Seronga bosheng.

A re maduo a dikolo tsa Okavango bogolo jang tse di kwa boseja ga noka a ko tlase fela thata, mme a re ke boikarabelo jwa batsadi go bona gore bana ba nna le bokamoso jo bo botoka. O buile gape a re ke boikarabelo jwa boeteledipele go bona gore thuto ke ya boleng.

Fa a akgela mo go tse dingwe, Rre Kapinga o ne a tlhalosa fa kwarantini ya kgomokgwana e tla a bulwa mo kgweding eno. A re seo se tla a thusa barui ba metse ee kwa moseja gore leruo lwa bone le emele go ya matlhabelong gautshwane.

Banni ba Seronga ba ne ba dumalana fa maduo a bana ba sekolo a tshwenya, ba tlatsa ka gore ditlou le tsone di ba senyetsa masimo. Fa akgela, Mme Gasenna Kayoba o ne a re maduo a bana ba sekolo a utlwisa botlhoko ka fa a welang tlase ka teng.

Mme Koyaba o ne a re ditlou di a ba tshwenya fela thata gape a re go na le tlhaelo ya bodiredi mo di ofising di tshwana le ya ba diphologolo.

Mme Galetshajwe Sewelo ene o ne a supa fa thuto ya bana e tshwenya mo kgaolong eo, mme a re se se baka kutlobothoko, ka gore batsadi ba tsenya bana sekolo gore ba kgone go itshetsa ba godile le go ka thusa bone batsadi.

Rre Diteko Ditirwa le ene o ne a supa matshwenyego ka thuto le diphologolo tsa naga tse di ba jelang masimo, mme tse dingwe di sena phimolo dikeledi. Mo go tse dingwe, banni ba ne ba galaletsa lekgotlana la kabo ditsha la Seronga ba re le dira tiro e ntle ya go abela banni ditsha tsa bonno.

 Fa a bua, mogokgo wa sekolo se segolwane sa Ngambao sa Seronga, Rre Keitheile Sethapelo o ne a re maduo a baithuti a supa fa dikolo tse dipotlana le tse dikgolwane tse di kwa Okavango di sa dire sentle gotlhelele.

Rre Sethapelo a re go botlhokwa gore batsadi le barutabana ba tshwaraganele thuto ya bana.

O ne a gakolola batsadi gore ba nne ba tlhola dibuka tsa bana le go ya bokopanong jwa batsadi le barutana.  A re barutabana ba nna ba bitsa go gakolola batsadi ka fa bana ba sa reetseng ka teng. Mogolwane go tswa ofising ya ba diphologolo kwa Seronga, Rre Ookeditse Ramokatane ene o ne a re ofisi ya bone e na le tlhaelo ya ditlamelo jaaka bodiredi le dikoloi ka kgaolo e le bophara.

Rre Ramokatane o ne a tlhalosa fa kaedi ya phimolo dikeledi e le yone e ba kaelang gore ba ka phimola barui dikeledi mo dijalong dife mo temong fa ba senyeditswe ke diphlogolo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : SERONGA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Jun 2023