Breaking News

Pelo tshwaana boela mannong

20 Jun 2023

Banni ba metse ya Tupya, Malete Seleka, le Rasesa kwa kgaolong ya Tswapong Borwa ba leleditse megolokwane tshwetso ya kgotla tshekelo e e sa bolong go rebolwa ya gore metse eo e ikemele ka bongwe go tswa mo go bidiweng Tumasera.

Banni ba lebogetse tshwetso e, ka ba ne ba sale ba letile, ka kgang e, e  sa bolo go ba segisa lesokolela, ebile banni ba metse e ba ne ba tshela ka go kubetsana.

Se se rotswe ke Tona ya Dikgaolo le Tlhabololo metse ya magae rre Kgotla Autlwetse fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa kgotleng e tona ya Tumasera ee neng e thologetswe ke banni ba metse eo.

Tona Autlwetse o boletse fa go ne ga nna le tiego go tswa kwa pusong morago ga tshwetso ya kgotla tshekelo gore metse e ikemele ka bonosi ka ba farologane ka dingwao, ditso le mekgwa.

O boletse fa banni ba ne ba gana leina la Tumasera, ba bolela fa go ne go sena morero mo metseng eo go kopanngwa ga metse go bidiwa Tumasera.

Ka jalo banni ba motse wa Goo-Seleka bane ba isa kgang kwa kgotleng tshekelo kwa ba neng ba atlega gore metse e ikemele mme puso ya nna maoto a tshupa go diragatsa se.

Tona Autlwetse o boletse fa jaanong motse mongwe le mongwe o tlaa ikemela o na le dikgosi, dikgosana le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse tsa tsone go na le go ba bitsa ka leina la Tumasera le le neng la dira gore go nne le letlhoo le le tona gareng ga merafe.

O boletse fa mo ditogamanong tsa ditlhabololo motse mongwe le mongwe o tlaa akarediwa ka dikeletso tsa bone go na le magoboka.

Tona o boletse fa dikago tsa ditlamelo jaaka tsa botsogo kana dikole ke tsone di ka bitswang ka leina la Tumasera ka ba tlaa bo ba di tlhakanetse.

Banni ba metse eo ba a tlhokile a le tlhaaeng ka ba sa bolo go emela mafoko a a ntseng jalo mme sa bone ya nna meduduetso le mafoko a malebo fela.

Mopalamente wa kgaolo, Dr Kesitegile Gobotswang, o boletse fa kgang ya bone e na le dingwaga di le 42 ka go tlhakanya metse le mororo ba farologane ka ngwao le ditso. Dr Gobotswang o boletse fa puso e nnile bonya le mororo kgotla kgolo e tsere tshwetso ya gore metse e ikemele ka bonosi.

O boletse fa jaanong metse e tlaa gatela pele mo ditlhabololong ka gore kgang e, e ntseng e ba apesitse kobo ka letshoba e tlaa diragadiwa semmuso,  a re kgang ya Tumasera ga e a bolo go mo dira sebete se molangwana, mme jaanong go tletse menyenyo mo difatlhegong tsa banni ba metse e mene eo.

Mothusa modulasetilo wa khansele ya Mahalapye rre Joeph Tjienda o boletse fa go diragetse sentle ka se, se ne se ketefalela khanseleng mo go tsa ditogamaanong, ka metse, e ne e lwela gore bone ga ba bitswe Tumasera.

Mogolo Rre Moroka Motlhabane o ne a re, “O re thubile mahura a pelo morwa Autlwetse, ditlhabololo di fetile fela, go le dikgogakgogano. Kgang e kabo e fedile ka 1995, ka go ne go sena appeal morago ga ikuelo ya ba Goo-Seleka.’’

Rre Lazarus Modimane go tswa kwa Goo-Seleka a re o amogetse gore metse ya Rasesa, Seleka Tupya le Malete e ikemele ka bongwe. O boletse fa kgang e atlhotswe ka 1995 mme jaanong ka 2023 ke gone ba bolelelwang gore puso e tlaa e diragatsa semmuso.

Rre Hitler Gabanthate o amogetse ka go tshwantshanya tona Autlwetse le Moshe yo o neng a etelela setshaba sa Israele a ba isa kwa Kanana, a bo a re pina ya re mosadi yo montle ntle o ne o mmeile kae? E le go supa fa tona a dirile tiro e ntle.

Rre Basiame Kolagano o boletse fa tona wa ntlha Rre Patrick Balopi a kile a tla a  rola gore kgotla tshekelo ya reng mme puso e bo e sa tseye tshwetso gore go diragadiwe tshwetso ya kgotla mme ga nnwa fela batho ba kubetsana.

Monana mme Kebaabetswe Olebeng o boletse fa ditlhabololo di dirwa ka dipalo, a re fa ele Tumasera ditlhabololo di a tla, a ipelaetsa fa se, se tlaa nna bonya morago ga go kgaogane.

Rre Gaotlhobogwe Ofaletse go tswa kwa Malete o boletse fa ba ntse ba sa utlwane le ba metse e mengwe mme jaanong dikilano di tlaa nyelela.

Mo go la gagwe Rre Gaotlhobogwe Maleele o boletse fa a gola a fitlhela metse ya bone e ntse fela jalo e kgaogane ka ditso tsa yone mme a kopa gore go dirwe mokete o motona gore jaanong metse e farologantswe.

Rre Kitsiso Motlaleng o kopile gore dikilano di seka tsa nna teng, a bolela fa bangwe le bangwe ba itse melelwaane ya bone, selo se gateletsweng ke Goweditswe Mowangawa wa motse wa Malete,  yo o kopileng gore dikgokgontsho di seka tsa nna teng mo gareng ga bone. Kgosi Andrew Lebudi go tswa kwa Seleka o boletse fa tona a dirile thomo ee makatsang, ba e lebogela fela thata a bala mo lekwalong le le boitshepho la ga Ezekiel wa bobedi.

Kgosi Onkemetse Gaofele wa Rasesa a kgadile sepolotiki mo bogosing a re se kgobera ledula lele ntle fela thata.

A re bangwe ba kgoreletsa dikgotla tse dingwe ba tsenya mowa wa kilo mme ba eteletswe pele ke sepolotiki. Bokhutlo 

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : TUMASERA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Jun 2023