Breaking News

Bodiredi jwa kokelo bo dira ka natla

19 Jun 2023

Bodiredi jwa kokelwana ya Letsholathebe bo akgoletswe   go dira ka natla mo go iseng ditirelo tsa botsogo ka manontlhotlho.

Mo tekodisong mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone Rre Simon Moabi,  modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Jiniva Pelaelo o kaile fa tirisanyo mmogo magareng ga bone le bodiredi joo, e le e e netameng.

A re bodiredi jwa kokelo eo bo thusa ka fa tshwanelong mme e bile ba nna ba ipha matsapa go ba tlhatlhelela le go ba tlhagisa ka sepe fela se se amanang le botsogo jwa bone, a re bosheng ba ne ba ba tlhaba podi matseba go ikelatlhoko mo bolwetseng jwa letlhatso le letshololo.  Rre Pelaelo a re kokelwana ya bone e na le bodiredi jo bo lekaneng, mme a kopa gore e atolosiwe go kgona go itepatepanya le dipalo tsa batho mo motseng.

Modulasetilo o supa boitumelo ka maduo a a nametsang a lokwalo la bosupa a sekole se sebotlana se dikileng se a ntshitse.

Rre Pelaelo o ne a kopa mophepafatsi mo diofising tsa kgotla ya bone. O ne a kopa gore tsela ya Letsholathebe/Sechele e nne e gopiwa gangwe le gape, a kopa gore go agiwe borogo mo tseleng eo, fa nokeng ya Vukwi.

Modulasetilo a re tsela ya Letsholathebe-        Francistown e tlhoka go tsibogelwa, ka go na le fa e senyegileng thata teng, a re tsela eo, e khutswafatsa mosepele wa banni go ya kwa Francistown.

Mo go tse dingwe, Rre Pelaelo o kopile gore ba sekasekelwe go okelediwa palo ya bodiredi jwa Ipelegeng go tswa kwa go masome a mane le motso go ya kwa go masome a matlhano.

O tsweletse gape a kopa gore dikatso tsa Ipelegeng, madi a bagodi le a maloko a VDC di  okediwe, a supa fa botshelo jwa segompieno bo le turu.  Rre Pelaelo a re le fa gotwe VDC ke boitlhaopo, seo ga se a tshwanela go ba gatelela ka lemmenyana le eseng la sepe ntswa ba dira namane e tona ya tiro. O ne a supa botlhokwa jwa gore maloko a VDC, fela jaaka makhanselara le mapalamente, le bone ba fiwe sebaka sa dingwaga tse tlhano ba le mo ofising go na le tse tharo, a re seo se ka thusa gore ba kgarametse ditlhabobolo tsa metse ya bone botokanyana pele ba rolela ba bangwe.

Monni mongwe wa Letsholathebe, yo o dirang e le moithaopi wa tsa sepodisi (Police Volunteer) o kopile gore ba neelwe kapari tsa itshireletso, tse di tsamaelanang le tiro ya go paterola.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Masunga, e e akaretsang metse ya Letsholathebe le Vukwi, Rre Edward Gazageni o gwetlhile banni go nna ba etela diofisi tsa maphata, go kopa thuso mme ere go retetse e bo e le gone ba ka lebisang mokhanselara kgotsa mopalamente. O ne a itsese banni ba Letsholathebe le Vukwi fa phatlalatso ya mafaratlhatlha a motlakase le metsi mo dintlheng dingwe tsa metse ya bone di tlaa dirwa mo tsamaong ya nako.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Letsholathebe

Event : phuthego ya kgotla

Date : 19 Jun 2023