Ba rotloeditswe go dirisa mananeo
19 Jun 2023
Banni ba Botshabelo kwa toropong ya Selebi Phikwe ba rotloeditswe go dirisa mananeo a a leng teng go itshetsa le go itlhamela ditiro, ka se, se ka fokotsa letlhoko la ditiro.
Ka go lemoga letlhoko la ditiro le apere lefatshe leno, ebile e le kgwetlho e e amileng banana thata, puso e tsweletse ka go tla ka mananeo a tshwana le a banana le a kadimo ya madi go ba thusa go itlhamela mebereko.
Se se builwe ke mopopalamente wa kgaolo eo Rre Kgoberego Nkawana jaaka a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Botshabelo ka Labone.
O ne a re puso ene ya fetola lenaneo le le ntseng le le teng la ISPAAD e le emisetsa ka la Temo Letlotlo le mo go lone batho ba ka le dirisang go ikepela didiba le go teratela masimo a bone gore ba leme dijo tse di lekaneng gore ba dije le go di rekisa kwa ntle ga lefatshe.
Rre Nkawana o ne a bua se a tsibogela mafoko a mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo Rre Baithalosi Kabelo jaaka a ne a lela ka letlhoko la ditiro le le aparetseng toropo ya Selebi Phikwe.
Kgosi wa Botshabelo Kgosi Ishmael Legwaila o ne a tlhalosa fa ditsetlana dingwe tse di mo molao motheong wa lefatshe di tlhoka go seka sekwa ka di siilwe ke nako jaaka tsetana ya bo lesome mo o o letang gore mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya gore kgetsi ya gagwe e sekelwe kwa a batlang teng mme seo se dira gore ditsheko tse di motlhofo tse nkabong di rarabolotswe kwa makgotleng a Setswana di tseye lebaka.
Kgosi Legwaila o ne gape a re kgaolwana ya Botshabelo e setse e godile mme e tlhoka gore e ka nna le kgotla e nngwe a tlhalosa fa batho ba ba nnang kgakala ba sa kgone go tsena diphuthego tsa kgotla ka nako dingwe molaetsa o sa goroge kwa go bone.
O ne gape a lela ka metsi a a tsweletseng ka go tshologa mo motseng mme se, se baya matshelo a batho mo diphatseng bogolo jang bana ka ba kgona go tshamekela mo go one.
A re ba dirile maiteko go begela ba ba maleba mme go sena nko e e ntswang lemina.
Mme Shamil Agosi go tswa kwa komponeng ya Premium Nickel Resource o ne a tlhalosetsa morafe wa Botshabelo fa ba santse ba tsweletse ka maiteko a go dupa selekanyo sa kopore kwa tlase ga lefatshe.
Mme Agosi a re ba setse ba le mo legatong la bobedi la go dupa mme a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go dirisa metlhale e e tlhabologileng ya go epa kopore mme ba dirisa metlhale ya segompieno go dupa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Pphuthego ya kgotla
Date : 19 Jun 2023