Breaking News

Pina ya setshaba ke sekao

19 Jun 2023

Batswana ba rotloeditswe go tsenya marapo dinameng le go supa lorato fa ba opela pina ya setshaba.

Se se builwe ke kgosana ya kgotla ya Thomba kwa Letsholathebe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba Kgosi Mapini Thomba mo phuthegong ya kgotla bosheng.

A re pina ya setshaba ke sekao sa lefatshe leno, ka jalo Batswana ba tshwanetse ba e opele ka nonofo le go supa fa ba ikgantsha ka yone ka e bile molaetsa wa yone o gatelela botlhokwa jwa go tshwaraganela go aga lefatshe.

Mo go tse dingwe Kgosi o ne a kgala go ima ga bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase, a re dingwe tsa ditiragalo tseo di bakwa ke go bo batsadi bangwe ba itlhokomolosa go tlhokomela bana ba bone. A re o eletsa go bona batsadi ba go nna jalo ba tseelwa dikgato tse di maleba fa ba sa tlhokomele bana. E ntse e le ka lone letsatsi leo, MopalanenteSimon Moabi o ne a tshwara phuthego e nngwe kwa motseng wa Vukwi, kwa Kgosi ya motse oo Kgosi Kedibonye Mabutho a supileng fa temo-thuo e le sone seikokotlelo sa bone.

A re mme ka fa ditlou di ba tlhorontshang ka teng, o na le poifo ya gore batho ba tlaa felela ba phuaganya mohama oo, ba tshaba go ka tlhaselwa ke diphologolo tseo kwa nageng.

Kgosi Mabutho o ne a bo a kopa gore tshenyo e e bakwang ke diphologotswana tse dingwe jaaka diphiri le tse dingwe, le yone e sekasekelwe go duelelwa phimolo dikeledi.

A re phologolo e tshwana phiri, e kgona go tlogela morui a iphotlhere, e laitse dihutshane tsotlhe mme morui a bo a sa atswiwe ka sepe.

Kgosi Mabutho o tsweletse a supa botlhokwa jwa gore dikgotla di gokelwe maranyane a Wi-Fi, a tlhalosa fa go ka thusa go ngoka banana go nna ba etela dikgotla.

Banni ba metse ya Letsholathebe le Vukwi ba ne ba lebogela puso ditlhabololo tse di tsweletseng ka go dirwa mo metseng ya bone.

Dingwe tse banni ba supileng ba di itumelela ke go agiwa ga maobo a dikgotla tsa bone, a ba tlhalositseng fa a tsweletse sentle.

Kwa Letsholathebe, banni ba ne a lebogela go bo tema ya go dirwa ga tsela ya Tshesebe/Masunga, mo go akaretsang le tsela ya gotswa Masunga go ya kwa motseng wa bone e bonala. Monni mongwe wa Letsholathebe yo e leng moatlhodi wa pele wa kgotla kgolo ya ditsheko, Rre John Mosojane o ne a kopa gore tsela eo e teratelelwe go itsa leruo go atumela kwa sekontereng, a kaya fa seo se ka fokotsa dikotsi tsa tsela mo go yone.

Rre Mosojane o supile fa go setse go le lebaka, kgang ya molelwane magareng ga motse wa bone le wa Masunga e le mo tafoleng mme go sena tlharabololo epe.

Banni ba metse eo ba tsweletse ba supa Water Utilities Corporation (WUC) ka monwana tebang le metsi a dutlang mme ba tsaya nako e telele tsiboga.

Mme Tumeletso Matebesi wa Vukwi a re go dutla ga diphaephe go  tlaa felela go okela ditlou go tla mo motseng mme go le borai mo go bone. Banni ba ne ba supa tlhobaelo ka borukutlhi jo bo apesitseng kgaolo tsa bone kobo ka letshoba. Rre Jason Ngoni wa Vukwi a re ba sepodisi ba gagamatse tsa itshireletso fela jaaka ba ne ba dira ka nako ya bolwetse jwa COVID-19.

Fa a tswa la gagwe, Rre Moabi o ne a gwetlha maphata ka go farologana go nna a lekodisa le go baya banni mo dinakong ka dikgato tse di tsweletse tebang le dingwe tse ba di kopang mo metseng ya bone. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Letsholathebe

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 19 Jun 2023