Khamphani e tlaa baakanya mesele
18 Jun 2023
Ba koporase ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC) ba tlaa baakanya le go phepafatsa mesele ya kgopo metsi a a leswe go fokotsa menko le metsi a a phephethang mo toropong ya Selebi Phikwe.
Fa a ntsha kakgelo ya gagwe mabapi le monko o tswang mo meseleng ya kgopo ya metsi, Mogolwane wa WUC kwa Selebi Phikwe, Rre Thato Phindera o boleletse banni ba kgotla ya Kagiso kwa Selebi Phikwe mo phuthegong yakgotla fa WUC le yone e tshwentswe ke monko o apesitseng toropo eo o otswang mo meseleng ya kgopo ya metsi a a leswe.
A re koporase e itemogetse fa banni bangwe ba sa dirise mesele e sentle ka go latlhela leswe la matlakala a a tswang mo malapeng jaaka matlalo a dikgomo, metseto ya bana le leswe le lengwe ka go farologana.
Rre Phindera a re leswe le le dira gore mesele e e palelwe ke go fetisa leswe mme go dire gore le tshologele kwa ntle mo go bakang monko oo sa jeseng diwelang.
O kopile banni ba Selebi Phikwe go loma ba WUC tsebe kana ba sepodisi fa ba ka bona ope a latlhela leswe mo teng ga mesele ya kgopo ya metsi a leswe.
Rre Phindera o tsweletse ka go tlhalosa fa e tla re mo ngwageng ono wa madi WUC e phepafatse mesele ya kgopo ya metsi a a leswe ya boleele jwa 5600m go ntsha sepe se se ka bakang gore mesele e seka ya fetisa leswe sentle ga mmogo le go fokotsa monko o tswang mo go yone.
A re WUC e na le lenaneo la go tokafatsa mafaratlhatlha a go tlhatswiwang metsi kwa go one ga mmogo le go tokafatsa mesele e tsamaisang metsi.
O rotloeditse banni ba Selebi phikwe go tswelela ba ema koporase nokeng ka go somarela metsi le go a duela.
Fa a tswa la gagwe Mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima, Rre Dithapelo Keorapetse o ne leboga ba koporase ya metsi go tsibogela selelo sa mesele ya kgopo metsi a a leswe.
O ne a tlhalosetsa banni ka melao e fetisitsweng kwa palamenteng ga mmogo le go abelana le bone megopolo ya gagwe ka melao e.
A re Batswana ba kokonetswe thata ntateng ya dikoloto le go wela tlase ga itsholelo mo go bakilweng ke mogare wa COVID-19, ka jalo puso e ka bo e sa oketsa lekgetho la VAT go ya ko go lesome le bone mo lekgolong.
Rre Keorapetse a e re le ntswa puso e dirile maiteko a go sa kgethisa dithoto dingwe, ga go a lekana. O tlhalositse fa a tla tswelela a kopa puso gore e oketse palo ya dithoto tse di sa kgethisiweng lekgetho la VAT go fokoletsa Batswana manokonoko.
A re puso e tshwanelwa ke go tla ka metlhale e mesha e e tla thusang gore e kgone go kgethisa dikgwebo tse ditona lekgetho la VAT, ka gore go a supega gore ba makgetho ga ba kgone go phutlha makgetho a a lekanetseng mo dikgwebong tse mme se se dire gore manokonoko a utlwiwe ke Batswana.
Mo go tse dingwe a re ene le ba lelwapa la gagwe ba ikaelela go dira mokgatlho o ka one batla kgonang go thusa batlhoki ga mmogo le go fa bana ba basetsana seriti ka go ba abela mesangwana ya bomme kwa dikoleng.
A re ba setse ba abetse dikolo tse di mo kgaolong ya gagwe mesangwana e, se ele tsela nngwe ya go fa ngwana wa mosetsana seriti le go thusa batsadi ba ba sa kgoneng gore bana ba bone ba kgone go bona tlhokomelo e maleba mo nakong ya malatsi a bomme. Banni ba ne ba leboga mopalamente wa bone mme ba mo kopa go rarabolola kgang ya thekiso ya matlo a moepo wa BCL o saleng o tswalwa ka ngwaga wa 2016. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Jun 2023