Breaking News

Phepafatso tikologo e tlhoka tshwaragano

18 Jun 2023

Phepafatso ya tikologo e tlhoka tirisanyo mmogo ya ba-na-le seabe ka go farologana.

Se se builwe ke Kgosi Kgari III wa Bakwena fa a amogela ditanka tsa matlakala di le lesome tse di neng di abiwa ke khamphani ya Mascom ka Labotlhano mo Molepolole. Kgosi Kgari III a re le ntswa Mascom e itsege ka ditlhaeletsanyo go molemo go bona e tsentse letsogo mo go thuseng go phepafatsa tikologo.   

A re seo ke sekao sa boineelo le bopelontle mo setshabeng se ba gwebang mo go sone.

“Re ntse re lebanwe ke letlhoko la ditanka tsa matlakala mo kgaolong, ka jalo tswelelang le re direle bo molemo lefatshe leno ka bophara mme le lebeletse matlhoki a rona,” ga bua Kgosi Kgari III.

Kgosi Kgari III o ne a re tiro tsa mofuta oo, di tshwanetse tsa tsewa ka tlhwaafalo ka jaana botsogo bo le botlhokwa a re mongwe le mongwe a tseye boikarabelo jwa go latlhela matlakala fa go tshwanetseng.

Fa a tswa la gagwe Moemedi wa Mascom, Mme Pauline Mmopi a re ba tsile ka mogopolo wa go abela kgaolo ya Kweneng ditanka tsa matlakala ele maiteko a bone a go rotloetsa morafe ka botlhokwa jwa tikologo e e phepa.  “Rene ra tshwaragana le khansele ya Kweneng kgwedi eno ele lesome go tlhola le morafe wa Molepolole re phepafatsa tikologo,” ga tlhalosa Mme Mmopi.

Mme Mmopi a re kgang kgolo ke go bona tikologo e le phepa , a tlhalosa fa seo e le boikarabelo jwa mongwe le mongwe. 

Mokhanselara wa kgaolo wa kgaolwana ya Sebele mo Molepolole Rre Poloko Motlhobogwa a re pitso ya go phepafatsa motse e tshwanetse ya tsibogelwa ka jaana bophepa bo ka hema malwetse mangwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : Molepolole

Event : PHEPAFATSO TIKOLOGO

Date : 18 Jun 2023