Breaking News

Tlhokomelang bana-Kgosi

18 Jun 2023

Batsadi ba rotloeditswe go tlhomamisa gore bana ba golela mo tikologong e e siameng ka e le bone peo e lefatshe le beileng mo go yone mo dingwageng tse di tlang.

Se se boletswe ke Kgosi Boago Monnaapula wa wa Mogapi jaaka a ne a amogela morafe kwa kgotleng ya gagwe ka letsatsi la segopotso sa ngwana wa moAfrika le le neng le tshwerwe ka fatlase ga setlhogo se se reng Ditshwanelo tsa bana mo Tikologong ya Boranyane.

Kgosi Monnaapula o tlhalositse fa dipego di supa fa bana ba tsweletse ka go dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo ke ba ba ka bong ba ba sireletsa.

A re segopotso se, ke go ikgakolola le go gopola bana ba ba kileng ba latlhegelwa ke matshelo ka nako e ba neng ba lwela ditshwanelo tsa bone kwa Afrika Borwa.

Kgosi Monnaapula a re, lentswa bana ba ne ba bolawa ka dipalo tse di kwa godimo seo sene sa bula boeteledipele jwa mafatshe matlho go tlhomamisa gore ditshwanelo tsa bana di sereletsegile.

O ne a tsibosa batsadi ba ba neng ba le foo fa gona le molao oo  sireletsang bana mme go le botlhokwa go dira tsotlhe tse di maleba go godisa bana ka fa go tshwanetseng ka teng.

E rile a tswa la gagwe molalediwa wa letsatsi, Mme Lagiso Metseyabeng yoo e leng mogwebi e bile e le ngwana wa motse wa Mogapi, o ne a rotloetsa batsadi go ela tlhoko metsamao ya bana ba bone mo nakong tseno tse dithata tse tiriso ya maranyane e leng kwa godimo.

Mme Metseyabeng o tlhalositse fa go le botlhokwa gore batsadi ba itsalanye le bana ba bone ka se se ka ba thusa thata go lemoga se ba se dirang. O ne a tlhalosa fa maranyane a siame mme ana le tse di sa siamang tse di ka tlhakatlhakanyang matshelo a bana.

A re puso e leka ka bo jotlhe go tlhomamisa gore bana ba bona ditlamelo di tshwana thuto le tsa botsogo mme go tlhoka gore batsadi le bone ba tsenye letsogo ka se se ka thusa gore lefatshe le nne le baeteledipele ba ba rutegileng.

Mme Metseyabeng o ne a kgothatsa bana go seke ba itewa tsebe ke diphoso ka na go palelwa ga batsadi ba bone mme ba itebaganye le go ipatlela bokamoso jo bo botoka.

O ne a re lentswa bana ba na le ditshwanelo, se ga se ree gore ba tshwanetse go gataka batsadi ba bone ka dinao, a tlhalosa fa setswana se se reng ngwana yoo sa utlweng molao wa batsadi o utlwa wa manong se raya go le go ntsi mo popong ya ngwana mo lapeng.

Mme Metseyabeng a re bana ba gompieno ga ba na mabaka ape a a ka dirang gore ba bo ba sa dire sentle mo dithutong tsa bone ka puso e tsentse maranyane mo mafelong a a bulegileng gore mongwe le mongwe a nne le sebaka sa go a dirisa.

Mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare e bile e le mothusa tona wa Temo Thuo, Rre Molebatsi Molebatsi o ne a re puso e tsaya ka tlhwaafalo ditshwanelo tsa bana ke ka moo e tsweletseng ka go dira melao e e ba sireletsang.

O ne a leboga barutabana a tlhalosa fa ba dira tiro e ntle le ntswa ba tlhaelelwa ke di dirisiwa.

Moletlo o, o ne o tsenwe ke mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Lerala/Maunatlala e bile e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Rre Sethabelo Modukanele le magosi go tsweng mo metseng e e mabapi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : MOGAPI

Event : SEGOPOTSO SA TSATSI LA NGWANA WA MOAFERIKA

Date : 18 Jun 2023