Breaking News

Seemo sa metsi se a tokafala

15 Jun 2023

Mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami Dr Kesitegile Gobotswang a re kgang ya metsi e e sa bolong go tshwenya banni mo kgaolong ya gagwe e a tokafala ntswa dikgwetlho di santse di le teng.

O buile se jaaka fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Mokobeng le Ngwapa ka Mosupologo Seetebosigo a lle lesome le bobedi.

Dr Gobotswang a re ntswa seemo sa metsi se tokafetse go santse go na le metse mengwe e tshwana le ya Tumasera le Seleka kwa metsi a iseng a goroge sentle teng.

Le fa go ntse jalo, Mopalamente o supile matshwenyego ka dingwe diphaephe mo metseng mengwe tse di  dutlang selo se a reng se baka tatlhego ya metsi.

O ne a supa fa a setse a begetse Tona yo o maleba go potlakela seemo.

Dr Gobotswang o tsweletse a itsise banni fa kgang ya peo ya ditsha e banni ba lelang ka yone e tshwenya lefatshe ka bophara.

 A re go supagala fa lekgotla la kabo ditsha le lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya bo maitsaanape.

Ka jalo, a re palamente e ne ya tsenya kopo ya gore go thapiwe bomaitseanape ba go nna jalo.

O ne a itsise banni ka kgang ya ditlamelo tsa botsogo e le yone e tshwenyang. 

A re ditlamelo tsa botsogo tsa lefatshe leno di babaletswe.

A re seemo se ga se ise se tokafale mme Mapalamente ba tsweletse ka go sala morago ba ba maleba go bona gore ditlamelo di tshwana le melemo le dipilisi di nna teng mo dikokelong.

Mo kgannyeng ya bogodu jwa leruo, Dr Gobotswang a re go maleba gore ba-dira molato ba gagamalediwe molao.

A re go supafala fa magodu a leruo ba utswa ka boikgantsho, selo se a reng se dira gore morafe o latlhegelwe ke tshepo mo batho bangwe ba felelang ba batla go itseela molao mo diatleng.

O ne a kopa banni go ntsha megopolo ya gore go dirwe jang ka kgang e ya bogodu jwa leruo.

Mo go tse dingwe, Dr Gobotswang o ne a lekodisa banni ka seemo sa ditsela mo kgaolong ya bone se a reng e santse e le kgwetlho.

O tsweletse a supa fa lenaneo le go ntseng go dirwa ditlhabololo ka lone la CCP la P10 million wa dikgaolo le sa tlhole le le mo boikarabelong jwa mopalamente mme le le ka fa tlase ga khansele. 

A re mo ngwageng o o tlang le tlaabo le itebagantse le go tsenya moalo mo ditseleng fa gare ga metse (paving). 

A re madi ao a ditlhabololo tsa dikgaolo a kgaogantswe ka metse fela jaaka go ntse go ntse.

Fa a bua ka lenaneo la ISPAAD o ne a supa fa le santse le eme mme go na le lenaneo le lesha le le tlang mme le tlaa bo le bidiwa Temo Letlotlo. A re o na le tsholofelo ya gore lenaneo leo le tla a itebaganya le balemi ka go farologana ga bone Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : MOKOBENG

Event : Diphuthego Tsa Kgotla

Date : 15 Jun 2023