Breaking News

Ba rotloediwa go ipabalela

15 Jun 2023

Banni ba toropo ya Jwaneng le metse e e mabapi ba kopilwe go ipabalela le dithoto tsa bone ka nako ya lebelo la dikoloi la Toyota 1 000 Desert Race le le tlaa tshwarelwang kwa kgaolong ya bone kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro go fitlha e le masome a mabedi le botlhano.

Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Jwaneng ka Mosupologo Seetebosigo a le lesome le bobedi, moemedi wa komiti ya ipabalelo, botsogo le tikologo ya lebelo leo, Rre Moreki Nthibo o tlhalositse fa maikaelelo e le gore tiro eo e nne e e babalesegileng gore e tswelele e direlwa mo toropong ya bone.

O ne a kopa morafe go netefatsa gore bana le diruiwa di babalesegile jaaka matshwititshwiti a batho a tlaa bo a tshologetse kwa toropong ya Jwaneng.

O ne gape a kopa banni ba kgaolo go tswelela ba phepafatsa tikologo ya bone ka jaana ba tsile go gorogelwa ke baeng ba ba tswang khutlong tsotlhe tsa lefatshe.

A re mekgwa ya go latlhela matlakala gongwe le gongwe e leswafatsa tikologo le gone go senya selebego sa toropo.

O ne a tswelela a rotloetsa ba ba tlaa bong ba rekisa go netefatsa gore tikologo ya bone e phepa ka nako tsotlhe.

Mo go tsa botsogo, Rre Nthibo o tlhalositse fa dikokelwana tsa Unit 7 le Sese, gammogo le kokelo ya moepo wa Jwaneng di tlaa bo di butswe bosigo le motshegare, mme dikokelwana tsa metse e mengwe le tsone di tlaa bereka jaaka tlwaelo go netefatsa gore ditlamelo tsa botsogo di tsamaisiwa sentle.

Erile a mo kgwa dikgaba, Rre Kelapile Sesanyane a kopa gore go dirwe thulaganyo ya go lwantsha molelo ka jaana kgaolo ya Kaduwe e na le malatsi e tlhasetswe ke molelo wa naga.

A re go botlhokwa gore seemo se se nne se beilwe leitlho go babalela balatedi ba lebelo leo le diphologolo. O kopile gore ba botsogo ba tlhwaafalele go abela batho dikausu mo mafelong a a farologanyeng ka malatsi a lebelo leo, e le tsela nngwe ya go fokotsa go anama ga malwetsi a dikobo mo kgaolong.

Fa a tswa la gagwe, Rre Onkabetse Thebe o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore balemi-barui ba nne le seabe fa go dirwa moalo wa lebelo leo go netefatsa gore ga go nne le makgoreletsi ape a a amanang le tsa temo-thuo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 15 Jun 2023