Breaking News

Tona o kgothatsa banana go ikemela ka dinao

15 Jun 2023

Banana ba ba sa tswang go aloga mo dithutong tsa bone tse dikgolwane ba rotloeditswe go ititaya ka thupana go dirisa dikitso tsa bone go itlhamela ditiro tsa diatla go na le go nna fela kwa malwapeng ba solofela gore puso e tlaa ba tlhamela ditiro.

Go buile jalo tona ya lephata la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao, Rre Tumiso Rakgare, mo phuthegong ya kgotla kwa Serowe ka Labobedi. 

Tona yo gape e leng mopalamente wa Mogoditshane a re banana ka bontsi ba babalelwa ke letlhoko la ditiro, mme a ba rotloetsa gore ba seka ba ipona tsapa ba a itshopara, ba  tseye mananeo a banana ba ipupile ditlhopha gore ba bone madi a magolwane a ba ka bulang dikhampani ka dikitso tse di farologaneng.

“Banana, mokodue go tsoswa oo itekang, tlogelang go nna kwa malwapeng le bapisitse batsadi ba lona, le lese boitseme, le rutilwe kwa dikoleng go ikemela ka dinao,” tona Rakgare a gakolola.

O rotloediste batsadi go kgothatsa banana go leka ka gotlhe go itshetsa ka ditiro tsa diatla ka di le bogadi bo gaufi. 

Tona Rakgare o tlhalositse fa puso e le nosi e ka seka ya kgona go tlhamela Batswana botlhe ditiro ka jalo batsadi ba tshwanetse go thusa puso mo go direng ditiro, a re ke boikarabelo jwa Batswana le puso go thusa ka go tlhama mebereko.

O boleletse fa di-tsa tlholego le ngwao dika thusa banana go itirela letseno fa ba nna moko o thata ba di dirisa go oka bajanala. A re go tshegetsa ngwao jaaka puo, kapari, moopelo le dijo botlhokwa fela thata.

 Ka kgang ya bong, o boletse fa mananeo a bomme a ne a santse a emisitswe mme a bolela fa jaanong a tlaa tswelela gore bomme ba tsenye letsogo. 

O kgadile a sa kgwe mathe kgokgontsho ya bong e bogolo e gatelelang bomme thata ka e le bone ba tseelwang botshelo.

Fa ba mo kgwa dikgaba morafe o ngongoregile ka letlhoko la ditiro la banana le botlhoka-tsebe ga bone ka ba inaakantse le ditagi.

Mongwe wa dibui mme Marea Theo, o boletse fa batsadi bangwe ba bolaya bana ba bone ka go ba rekisetsa ditagi tse di tshwana Katse (Cat) le motokwane. 

O kopile ba molao gore ba tsamaye ba phuruphutsha barekisi ba ba rekisetsang fa kgorong tsa dikole le ba ba mo mekgwatheng a re ke bone bo tshoso-e-rweleng ya go rekisetsa bana ba dikole ditagi. 

Rre Clermont Molomo ene o kopile gore bana ba dikole ba phuruphutshwe fa ba tsena ka kgoro tsa sekole, a bolela fa go tlaa fitlhelwa dilo tse di borai jaaka dithipa le tsone ditagi.

Rre Botswelelo Mogapi o ngongoregile ka batsadi a re ga ba rute bana tsamaiso ya Setswana ke gone mo ba sa itshwareng sentle..

Rre Theo Botlhole o boletse fa banana ba sa tsene diphuthego tsa dikgotla kwa ba ka bong ba itse sentle ka mananeo a puso le go tsamaiso.

O boletse fa kgokgontsho ee diragalang mo malwapeng e dira gore banana bangwe ba tshelele mo poifong le bohutsana mme ba inaakanye le ditagi. 

Mo tekodisong, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Teko Thokweng o boletse fa banana bangwe ba dirile mekgatlho mo Serowe mme mathata e le gore ga ba na letseno go  e tsamaisa. O ne a re komiti ya bone e shafaditse mabala mangwe a metshameko mo motseng ka madi a dikgaolo tsa bopalamente mme ba sa bone letseno lepe fa mabala a dirisiwa.

Rre Thokweng a re lebala le legolo la metshameko la Serowe ga le sologele morafe molemo ka le dirisiwa fela ke ba makgotla a metshameko, a re banana ga ba le dirise.

Mo kamogelong ya gagwe, motshwarelela bogosi jwa Gammangwato, kgosi Serogola Seretse, a re banana kwa dikoleng tse di kgolwane ba inaakantse le ditagi mo go ngomolang pelo. O beile phoso mo batsading ka e le bone ba rekisetsang bana ba dikole ditagi. 

O kopile banana go tsaya mananeo a puso le go tlogela borukutlhi le ditagi, ka di sa ba isa gope.

Tona Rakgare le lekoko la gagwe ba ne ba etela tshimo ya banana kwa Moiyabana ee simolotseng go tlhabololwa ka 2021 mme e tsweletse e dirwa go ise go felele.

Tona le ba lephata la gagwe la MYSC ba ne ba tshameka kgwele ya dinao le banana ba motsana oo kgakala le ditlamelo wa Dimajwe.

Dimajwe United e ne ya kgwathisa MYSC dithupa di herabongwe  go tse pedi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 15 Jun 2023