Breaking News

Ba Jackalas No. 1 ba lela ka tiego ya peo ya ditsha

15 Jun 2023

Banni ba Jackalas No.1, Ramokgwebana le Moroka mo kgaolong ya Tati Bophirima ba ikuetse kwa pusong tebang le seemo sa ditlhabololo, ditlamelo le dingwe tse di ba tshwenyang mo metseng ya bone ka go farologana.

E rile ba itekodisa mopalamente, Rre Simon Moabi mo diphuthegong tsa kgotla bosheng, ba supa fa ba sa bolo go lela ka ka ditlhabololo mme go se nko e e tswang lemina.

Kgosi Tapson Jackalas wa Jackalas No.1 o ngongoregile ka tiego ya peo ya ditsha mo motseng wa bone, a supa fa ba tsamaya mo ngwageng wa boferabobedi go sena peo ya ditsha e e kileng ya dirwa.

O ne gape a kopa gore go tlhongwe mafelo a kgwediso ka seatla gaufi le tikologo ya bone gore ba kgone go sola molemo lenaneo leo.

Kgosi Jackalas o supile fa masaka mangwe a a magareng ga motse wa bone le Butale, a go tshegediwang dikgomo tsa Zone 6b pele di isiwa matlhabelong kwa Maun, a ka tla a dirisiwa mo lenaneong la kgwediso ka seatla. Mo mafokong a gagwe, Kgosi Mollen Dube ene o supile letshwenyego la go bo ditiro dingwe tsa ditlhabololo di tsaya nako e telele go wediwa. 

A re tiego e felela e bakile gore go dirisiwe madi a mantsi a a neng a sa akarediwa mo tirong eo.

O ne a fa sekai ka kago e e tsweletseng ya leobo la kgotla ya bone, le go tlhalosiwang le tshwanetse go ka bo le wetse ka kgwedi ya Motsheganong, mme go lebega go santse go na le tiro e ntsi mo go lone.

Fa a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Jackalas No.1, Rre Robson Magunga o tlhalositse fa leobo le le sa tswang go agiwa la kgotla le sa agega sentle.

A re e sale ba ikuela ka seemo seo, mme go lebega go sena ope wa ba ba lebaneng yo o ba sekegelang, a supa fa ba setse ba ikaelela go le bula semmuso le ntse jaaka le ntse.

Rre Magunga o ne a bo a kopa gore go agiwe matlwana a boitiketso kwa kgorong ya molelwane ya Ramokgweban, a re seemo se se koo ga se itumedise ka jaana batho ba itiketsa gongwe le gongwe.

O tsweletse a bolela fa dikago tsa kokelwana ya bone di onetse mme di tlhoka go ntshafadiwa, a bo a supa gape fa baoki ba koo ba tlhaelelwa ke boroko, mo bangwe ba felelang ba nna kgakala le kokelwana.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Ramokgwebana, Rre Jaga Chakalisa ene o supile ka monwana bangwe ba e reng go sena o abiwa dithendara tsa go dira ditiro dingwe, ba bo ba ipelaetsa mo ba felelang ba isitse dikgang kwa makgotleng a ditsheko.

Rre Chakalisa a re ke sengwe se se diyang go diragadiwa ga ditlhabololo.

Mopalamente Moabi o ne a itsise ba Jackalas No.1 fa leobo la bone le tlaa baakangwa mo nakong e e sa fediseng pele, a bo a itsese ba Ramokgwebana gore tsela e ba ntseng ba lela ka yone e e tswang fa kgotleng e ya kwa kokelwaneng ya motse, yone e tlaa simolola go dirwa ka kgwedi ya Phukwi e simologa, mme e tla a tsaya dikgwedi di le nne.

O boletse fa palamente e tsere tshwetsho ya gore ope yo o isang kgang ya dithendara kwa makgotla tshekelong, a duele P1 million.

A re mongongoregi o tla busediwa madi ao fa a fentse tsheko, mme fa a ka latlhegelwa go tlaa bo go ile fela jalo ka one. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : JACKALAS NO.1

Event : Diphuthego Tsa Kgotla

Date : 15 Jun 2023