Breaking News

Kereke e abela batlhoki ditlhako

14 Jun 2023

Kereke ya Corner Stone Fellowship International go tswa kwa Masunga e abetse banni ba Omaweneno mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ditlhako di le makgolo a matlhano, masome a mararo le boferabobedi.

Fa a rola dimpho kwa motseng oo bosheng, moeteledipele wa kerere eo, Moruti Galani Makwatu o boletse fa seo e le tsela nngwe ya go supa mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato lwa Modimo.

Rre Makwatu o boletse fa ba tswa kgakala ka mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato ka go abela setshaba, bogolo jang ba ba tlhokileng lesego. 

O boletse fa kereke ya gagwe e godile ka mo nakong ya gompieno e setse e na le dikereke tse nne kwa Gaborone, Mochudi, Letlhakane West le Maun mme tsholofelo e le go tswelela ba bula tse dingwe ka tiro ya bone e le go tsamaya le lefatshe ba rerela batho lefoko la Modimo.

O ne a tlhalosa fa ba tshwaraganye le ba Soles for Jesus ka ngwaga wa 2017 go tswa kwa lefatsheng la Amerika go ba thusa ka ditlhako go di abela Batswana ba ba tlhokang. 

O boletse fa ba setse ba abetse batlhoki mo metseng e e farologanyeng kwa kgaolong ya Kweneng mme maikaelelo e le go tswelela ba tshusa Batswana ba bangwe go ralala lefatshe leno.

A re ba ne ba tshwaragana le Kgosi Bimbo wa Omaweneno mme kereke ya gagwe ya dumalana go thusa ba ba tlhokileng lesego mo motseng oo.

Fa a amogela baeng ba kereke ya Corner Stone Fellowship International, Kgosi Samuel Bimbo o ne a ba galaletsa thata a supa fa ba dirile tiro e ntle e e tlaa fetolang matshelo a ba ba tlhokileng lesego.

O boletse fa e ne ya re kgwedi e e fetileng o ne a tsenelela moletlo wa Baherero kwa Charleshill kwa a neng a nna le mogopolo wa go kopela morafe wa gagwe diaparo ka jaana a ne a kopana le ba mafatshe a sele jaaka Afrika Borwa le Namibia.

Kgosi Bimbo o ne a tlhalosa fa a ne a utlwalela ka kereke eo mme a ikgolaganya le bone go kopa dithuso mme a supa boitumelo jo bogolo morago ga go amogela ditlhako tsa bomme, borre le bana, selo se a supileng fa e le tiro e ntle ya go supa lorato bogolo jang ka ba tswa Masunga.

O ne a kopa morafe wa gagwe go amogela dimpho tseo ka oo mabedi ka e le tshegofatso ya Modimo, a kaya fa go le sego letsogo le le abang go na le le amogelang.

Mongwe wa ba ba abetsweng, Mme Keikantsemang Seoko o ne a lebogela dimpho tseo a supa fa di tlaa ba solegela molemo thata ka ebile e le paka ya mariga e ditlhako di tlhokegang ka yone.

Rre Otlwaetse Mokoloku ene, o ne a eleletsa ba kereke eo masego le matlhogonolo go tswelela ba abela batlhoki.

Rre Mokoloku o ne a leboga Kgosi Bimbo go bo a kgathala ka morafe wa gagwe ka go ba kopela dimpho bogolo jang ba ba tlhokileng Lesego. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : OMAWENENO

Event : Kabo Dimpho

Date : 14 Jun 2023