Botaki le bodiragatsi ke sekao sa morafe
14 Jun 2023
Botaki le bodiragatsi jwa setso jo bo nang le boleng bo ka tsosolosa serodumo sa merafe.
Se se builwe ke mogolwane wa First National Bank (FNB) mo Molepolole, Rre Samuel Mmelesi fa a ne a bula semmuso ditshupo tsa botaki le bodiragatsi tsa kgaolo ya Kweneng tse di neng di tshwerwe kwa Molepolole ka Labobedi.
Rre Mmelesi o boletse fa se e le sekao se merafe e farologanang ka teng.
A re ditshupo di neela banana sebaka sa go supa talente ya bone, mme mono ngwaga bataki ba le lesome le borataro (16 )ba ikgapetse dietsele fa badiragatsi ba le masome mabedi le bosupa (27) bone ba nnile le sebaka sa go gatela pele mo dikgaisanong tsa ga Tautona tsa ngwao le bodiragaatsi.
A re badiragatsi ba tshwanetse ba tsaya sebaka se, go supa ditiro tsa bone gore ba bone bareki go dira dipoelo.
Rre Mmelesi o ne a gatelela fa badiragatsi ba tshwanetse ba bapatsa tiro ya bone ka seo se ka ba thusa go tokafatsa matshelo a bone le itsholelo ya lefatshe.
Ka jalo o ne a ba gwetlha go nna le dikitso ka tsa theko le thekiso ka seo se ka ba thusa go itse go dirisa madi.
O tsweletse a re banka ya FNB e na le lenaneo la go thusa banana botlhe ba ba sa berekeng ka go ba neela botsipa jwa dikgwebo le go di simolodisa.
A re seo ke maiteko a bone a go rotloetsa badiragatsi.
“FNBB e na le lenaneo le le bidiwang Bodiragatsi Jwame, le le thusang banana go tokafatsa ditalente tsa bone,” ga bua Rre Mmelesi.
O ne a tswelela a supa fa puso e simolodisitse lenaneo la National Arts Council e le go tsaya boikarabelo jwa go laola badiragatsi ka go ba neela thuto e e lolameng ka theko le thekiso.
Motshwarelela mogolwane mo lephateng la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao kwa Kweneng, Rre Percy Seema, o ne a supa fa maikaelelo a tiro eo, e le go supa le go ipelela dingwao ka go farologana tsa Batswana Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Ditshupo Tsa Botaki le Bodiragatsi
Date : 14 Jun 2023