Bogodu jwa melemo bo tshwenya lephata
14 Jun 2023
Pego ya bosheng ya gore bangwe babereki ba Lephata la Botsogo ba amega mo bogodung jwa melemo ga e jese diwelang.
Babelaelwa ba tshwerwe ka Labotlhano morago ga gore lekalana la twantsho borukutlhi le tshenyo setshaba, Directorate on Corruption and Economic Crime (DCEC), le le le dirang ditlhotlhomiso tsa sephiri, Directorate of Intelligence Services (DIS) ba sale morago meshwadile ya gore bangwe ba inaakantse le bogodu le thekiso ya melemo le dipilisi ka bokukuntshwane.
Letsholo leo le ne la tswa maduo morago ga gore makalana ao a phoronye rre mongwe kwa Mogoditshane ka mekoakoa ya melemo ka go farologana e akaretsa diritibatsi le dipilisi tsa sukiri tse go belaelwang di amogilwe lephata la batsogo mo kgaolong ya Good Hope.
Mogolwane wa lekalana la kanamiso mafoko la DCEC, Rre Lentswe Motshoganetsi o supile mo potsolotsong gore ditlhotlhomiso tsa bone di upolotse fa rre yoo le bangwe ba badiri ba lephata la botsogo ba robabongwe go belaesega ba le dinalanyana mme ba amogile lephata la botsogo melemo le dipilisi tseo.
Rre Motshoganetsi a re mmelaelwa o fitlhetswe ka nyebenyebe ya madi a ka tshwarang P82 000 le mekoa ya melemo le dipilisi tse di ka lopang P182 000.
O tsweletse a re babelaelwa ba tshegeditswe go thusa mo ditlhotlhomisong tse di tsweletseng.
Rre Motshoganetsi a re go lebega babelaelwa ba rekisetsa badiredi bangwe ba ditirelo tsa botsogo ba ba ikemetseng mo Gaborone le mo mafatsheng a a mabapi.
O tlhalositse fa ditlhotlhomiso tsa bone di tlaa tswelela mme di anamele kwa mafelong a mangwe lefatshe ka bophara.
A re go botlhokwa gore ba ba ka tswang ba utlwaletse meshwadile kana ba lemoga bangwe ba ba rekisang melemo le dipilisi mme ba belaela sengwe ba lome batlhotlhomisi tsebe.
Mogolwane wa kanamiso mafoko wa lephata la botsogo, Dr Christopher Nyanga a re ba swabile nko go feta molomo ka go utlwa dipego tsa gore bangwe badiri ba lephata la botsogo ke bo tshoso-e-rweleng mo borukutlhing jwa go utswa melemo.
Dr Nyanga a re se se tshwenyang segolo bogolo, ke gore bogodu jo bo dirwa ka nako e puso e dirang maiteko a gore setshaba se bone ditlamelo tsa botsogo ka tshwanelo.
A re bosheng lephata ka botsogo le sa tswa go amogela melemo ka go farologana, mme jaanong se se botlhoko ke gore go lebega e sa felele kwa e tshwanetseng go ya teng. O tsweletse a re o leboga maiteko a a dirilweng ke maphata a twantsho borukutlhi go upolola bonweenwee jwa mofuta o, a tlatsa ka gore ba ba amegang mo borukutlhing joo ba tshwanetse ba tseelwa dikgato tse di gagametseng.
“Le rona kgang e, e re tshwentse fela thata go bona bangwe badiredi ba botsogo ba ammanngwa le go utswa melemo le dipilisi mo go dingwe dikokelo tsa rona,” ga tlhalosa Dr Nyanga.
A re o dumela gore ditlhotlhomiso tse di tsweletseng di tlaa senola tlolo molao. Le fa go ntse jalo a re le fa a ka seke a tlhomamise gore seemo se se kile sa dirgala pele, se se tshwenyang ke gore le fa melemo le dipilisi di tsweletse ka go rekwa, selelo sa tlhaelo ya tsone ga se fele.
A re ditlhotlhomiso tse di tsweletseng di tlaa senola se se diragetseng mme kwa phelelong go tlaa tsewa dikgato tse di maleba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 14 Jun 2023