'Se bipeng mpa ka mabele
14 Jun 2023
Mokgwa wa batsadi bangwe wa go bipa bana ba bone mo ditiragalong tsa borukutlhi go busetsa kwa morago maiteko a puso a go lwantsha borukutlhi.
Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Jackalas No 1, Ramokgwebana le Moroka kgwedi eno e le lesome le bobedi, mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi a re ntswa le fa batswakwa ba amega thata mo ditiragalong tsa borukutlhi jo bo diragalang mo tikologong eo, go le gantsi ga go nke go tlhokega ngwana mongwe wa motse fa magodu ao a tshwerwe.
Ka jalo o ne a gwetlha batsadi go kgalema le go lemosa bana ka bodiphatsa jwa borukutlhi, a re go sa nneng jalo, ba tlaa lelela kgama le mogogoro bana ba bone ba setse ba diragaletswe ke sengwe se se diphatsa mo matshelong a bone.
A re fa batsadi ba belaela metsamao ya bana kgotsa ba lemoga sengwe se se fatlhang mo go bone, ba tshwanetse ba loma tsebe ba ba maleba go na le go bipa mpa ka mabele, ba re ba a ba sireletsa.
Mopalamente a re batsadi bangwe ga ba nke ba ipha matsapa a go ntsha lentswe lepe fa ba bona bana ba bone ba na le dithoto kgotsa go lebega ba tshela botshelo jo bo rileng lentswa ba sa bereke.
Rre Moabi a re go ngomola pelo gore e re batho mo motseng ba leka go loga maano a go lwantsha borukutlhi, dilalome dingwe di bo di le magareng ga bone mme phelelong le tsone di dire maiteko otlhe a go folodisa seo.
Le fa gontse jalo, Rre Moabi o ne a gwetlha banni ba metse eo go tlhama dikomiti tsa twantsho borukutlhi, tse di ka thusanang le mapodisi, a supa fa mapodisi ka nosi ba ka se kgone ntle le tshwaragano le banni.
Gareng ga matshwenyego a bone, banni ba metse eo ba ne ba lela ka letlhoko la dikoloi tsa sepodisi mo metseng ya bone, ba re ka fa borukutlhi bo ileng magoletsa ka teng, go botlhokwa gore go bo go na le dikoloi tsa sepodisi gore fa go diragala sengwe mapodisi a tsiboge ntle le tiego epe.
Banni ba Jackalas No 1, Ramokgwebana le Moroka ba tlhalositse fa ba tshelela mo letshogong le le seng kana ka sepe, ba kaya fa go sena letsatsi le le fetang mongwe a sa amogwa dithoto tsa gagwe.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Moroka Rre Vincent Mooketsi o ne a kopa gore go okediwe bodiredi jwa tsa itshireletso, jo bo akaretsang ba sepodisi le ba sesole sa Botswana mo tikologong eo.
O ne a supa fa ba kile ba solofediwa Satellite police mo motseng wa bone mme go lebega tsholefetso eo e le bonya go diragadiwa.
Banni bangwe ba boletse fa sekole se segolwane sa Ramoja se dikaganyeditswe ke sekgwa se dilalome di kgonang go iphitlha mo go sone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : JACKALAS NO 1
Event : Diphuthego Tsa Kgotla
Date : 14 Jun 2023