Breaking News

Go ima ga banana go ile magoletsa

14 Jun 2023

Banana ba kgothaditswe go dirisa mananeo a botsogo go sireletsa boimana jo bo ileng magoletsa mo kgaolong ya Tsabong.

Mogolwane wa ba botsogo (District Health Management Team) kwa kgaolong ya Tsabong, Dr Masauso Chilumbu o buile seo bosheng ka Tshipi mo kgotleng ya Tsabong, ka nako ya letsatsi la go tshuba dikerese go gopola ba ba tlhokafeseng ka ntata ya bolwetsi jwa AIDS.

A re dikgang tsa go ima ga banana di a tshwenya, ka seo se supa gore ga ba dirise sekausu ka nako ya tlhakanelo dikobo, gape go na le kgonagalo e e kwa godimo ya gore ba ka tsenwa ke mogare wa HIV le malwetsi a tlhakanelo dikobo.

A re banana ba tshwanetse go ithuta ka katoloso tsholo mme gape a ba kgothatsa go kopa thuso mo go ba botsogo mo lekalaneng la Youth Friendly Services.

Dr Chilumbu a re go simolola ka kgwedi ya Phalane go fitlha ya Sedimonthole, ba gatisitse dikgang tsa go ima ga banana di le masome a mararo le bofera bongwe ngwaga oo fetileng, mme mo ngwageng ono ba gatisitse di le masome a mane le bobedi, selo se se supang fa ba sa itshireletse ka nako ya tlhakanelo dikobo. A re mo Botswana, lekalana le le ikemetseng la Botswana Network of People Living With HIV and AIDS (BONEPWA) le tshwaraganye le la National and AIDS and Health Promotion Agency (NAHPA) le ba-na-le seabe botlhe, ba tswa kgakala ka go ema nokeng botlhe ba ba amilweng ke HIV le bolwetsi jwa AIDS, le go tlhomamisa gore ba nwa dipilisi ka fa go tshwanetseng le go sala morago ditaelo tsa ba bongaka.

O boletse fa go fitlha mo nakong eno mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, batho ba le 3 668 ba le mo lenaneong la go nwa dipilisi tsa ARV tse di ritibatsang mogare.

Dr Chilumbu o boletse fa letsatsi la go tshuba dikerese le le botlhokwa, ka e le go tlotla ba ba latlhegetsweng ke matshelo ka ntlha ya mogare wa HIV/AIDS, le gone go fitlhelela maiteko a Lephata la ba Botsogo a go nyeletsa bolwetsi joo go fitlha ngwaga wa 2030.

A re maitlamo ke go fedisa mogare o mosha, go emisa kgethololo gotlhelele le go fedisa dintsho tse di bakwang ke mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS.

Dr Chilumbu a re dingwe tse di kgonnweng ke ba DMHT e le lenaneo la go fedisa mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa loseeng ka zero per cent, go itlhopela go itlhatlhobela mogare wa HIV ga bomme le borre le go fedisa kgethololo mo go ba ba tshelang ka mogare.

A re dipatlisiso di supile fa dipalo tsa borre  ba ba itlhatlhobelang mogare di le kwa tlase fa bomme e le bone ba ba di gogang kwa pele ka dipalo tse di kwa godimo mo lenaneong la dipilisi tsa ARV.

O supile fa dikgwetlho di akaretsa go ikgatholosa go nwa dipilisi ka fa go tshwanetseng, malwetsi a dikobo a a kekelang mo kgaolong eo le tse dingwe.

Fa a latlhela la gagwe, Moruti Kefilwe Giwu wa kereke ya The God Prayer House o ne a kgothatsa ba ba tshelang ka mogare go itsetsepela le go ikanya Modimo, ka e le one o bolokang ka nako tsotlhe.

Moruti Giwu a re le ntswa ditshekatsheko di supa fa kgethololo ya ba ba tshelang le mogare e le kwa tlase mo kgaolong eo, dikereke di itemogetse kgethololo kwa dikerekeng le kwa malwapeng, selo se a supileng fa bangwe ba felela ba sa nwe dipilisi tsa ARV ka fa go tshwanetseng.

Setlhogo sa ngwaga ono ke Spread love and Solidarity to build stronger communities. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Segopotso

Date : 14 Jun 2023