Monna o fitlhetswe a tlhokafetse fa gare ga tsela
14 Jun 2023
Mapodisi a Tsabong a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa motse wa Maralaleng a fitlhetsweng a rapalatse fa gare ga tsela bosigogare ka letsatsi la Tshipi a tlhokafetse.
Fa a bua mo potsolotsong ka Labobedi, mookamela mapodisi a Tsabong Superintendent Christopher Tlhapi-David a re e ne ya re bosigogare ka letsatsi la Tshipi, mapodisi ba amogela pego ya gore go ka tswa go nnile le kotsi mo tseleng ya A20 fa gare ga motse wa Maralaleng le Kisa e go belaesegang gore motsamaya ka dinao o ka tswa a thudilwe ke koloi mme mokgweetsi a tsena ka lenga la seloko.
A re mapodisi ba ne ba tsibosiwa ke motho yo a neng a tsamaya ka koloi mo tseleng eo mme ba ragogela koo.
Supt Tlhapi-David a re ba fitlhetse monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano a rapaletse fa gare ga tsela mme ba mo isa kokelong kwa ba bongaka ba fetileng ba rurifatsa fa a tlhokafetse.
A re monna yoo o tlholega mo kgotleng ya Boikhutso mo motseng wa Maralaleng mo kgaolong ya Tsabong mme o fitlhetswe a na le dikgobalo tse di masisi.
Superintendent Tlhapi-David o ne a kopa gore ope fela yo o ka tswang a bone koloi e e thudileng monna yoo a itsise ba sepodisi mo mogaleng wa 6540222 kana wa 999 kana a ikgolaganye le mapodisi a a gaufi. A kopa gape gore yo o dirileng tiro eo a ipege fa pele ga mapodise a a gaufi.
Mookamela mapodisi a Tsabong a re ga go na sepe se se supang gore koloi e e thudileng ke efe ka mapodisi ba fitlhetse digalase fela tsa nomoro ya koloi di phatlaletse foo mme di sa balege sentle. Are ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Tsabong
Event : Interview
Date : 14 Jun 2023