Breaking News

Tona o rotloetsa ipelelo ngwao

13 Jun 2023

Batswana ba gwetlhilwe go ipela ka ngwao ya bone,  go thusa go tshwaraganya merafe le go dirisanya mmogo, go abelana dikitso, go boloka le go sireletsa ngwao go ya dikokomaneng.

Mafoko a, a builwe ke Tona wa Banana, Bong, Metshameko le Ngwao, Rre Tumiso Rakgare ka letsatsi la setshaba la go ipelela ngwao ka Labotlhano Seetebosigo a feramongwe  kwa Letlhakeng.

Tona Rakgare a re go ipelela letsatsi la setshaba ke go ipelela dingwao tsa rona le tsa ba bangwe.  

A tlatsa ka gore go ithuta ka dingwao tseo, go thusa gore batho ba di tlhaloganye botoka le gone go tshela mmogo le beng ba tsone ka tshosologo le tlotlano.

“Letsatsi le bagaetsho, le re bula matlho go ikitse, le go itse ditso le ditumelo tsa rona le kwa re tswang teng re le setshaba, ga mmogo le go kgaogana megopolo le dikitso tse di thusang go bopa bokamoso jwa ngwao ya Botswana.”

Rre Rakgare a re Botswana o humile dingwao tse di farologaneng, e bile di tswa kgakala di bopa tshaba e e nonofile, ebile e ipela ka kagiso.

O ne a supa fa dingwe tsa motheo ya ditso jaaka tsamaiso ya kgotla di tlotlomatsa ditsamaiso tsa ngwao ya Batswana jaaka merero, ditumelo le meila, tse di ikaegileng ka ditsamaiso tse di nonofileng, e bile di tswa goo lowe. 

Tona a re maikaelelo a letsatsi le ke go nosetsa ngwao le go lemoga ditalente le bokgoni, dikitso le megopolo mme di supiwa ka kapari, mmino, dipina, dipuo, metshameko, metlae, poko le tse dingwe.

A re setlhogo sa letsatsi Ngwao ke boikarabelo jwa me” se gwetlha batho ka bongwe, morafe le ditlhopha go ipela ka ngwao ya bone.

A re ka 1988 go ya go 1998, ba lekgotla la ditshaba ba ne ba simolodisa dingwaga tse di lesome tsa go tsosolosa mowa wa go ipelela ngwao ngwaga le ngwaga.

A re seo se ne sa salwa morago ke ba lekgotla la United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organisation (UNESCO) ka go tlhoma kgwedi ya Motsheganong e le masome mabedi le bongwe go nna letsatsi la mafatshe la tlhabololo ngwao ntswa lefatshe la Botswana le dira jalo letsatsi leo le fetile ka mabaka a ditiro tse dingwe.

Tona o ne a supa fa puso e tsweletse ka go sekaseka melao motheo ya mogae le ya mafatshe le go simolodoisa e mesha ka maikaelelo a go tlhofofatsa gore dingwao tse di farologaneng di diragadiwe go sena dikgoreletsego.

Rre Rakgare o ne a lemoga le go akgola badiragatsi ba kgaolo ya Letlhakeng jaaka Rre Solly Sebotso, moletsi wa katara wa tlhotlhwa, yo o kileng a ya go emela lefatshe la Botswana kwa ditshupong tsa mafatshe kwa Dubai le Sweden, Rre Gopadileng Gopadileng (Ashley Gops) yo e leng kgosi le modiragatsi yo o dirang bontle fela thata mo go tsa mmino le kopelo.

O ne gape a lemoga sekgantshwane se sengwe gape e leng, Rre Deben Natale yo o tumileng ka pina ya Sebodu ke Nnenekwane, e motswako wa yone o dirilweng ka botswerere ntswa e se ene mong wa pina eo.

Tona Rakgare a re ka Setswana sa re kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, e bile se tshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, o kopa tshwaragano e e tlhomameng go tlhabolola le go boloka ngwao ka jaana puso e ka se kgone e le nosi.

A re tshimolodiso ya lekgotla le le ikemetseng la khansele ya bodiragatsi (National Arts Council of Botswana) ke tsela nngwe ya go rotloetsa ditlhabololo mo mohameng wa ngwao le bodiragatsi.

E rile a tlhalosa ka ditso tsa morafe wa Letlhakeng, lebutswa-pele la motse oo, Rre Koketso Tshaila a re ka tlholego ba tswa kwa Aferika Borwa, mme ba dule koo ba tshaba Matebele.

A re ba ne ba tla go thibelela mo Dithejwane, mme dintwa tsa bo di ntse di tsweletse mme ba huduga ba tla go thibelela mo Letlhakeng.

Rre Tshaila a re merafe ya Letlhakeng ke babina Nare ka jaana ba ne ba thaya ka kgole ya nare gore ba tshwara baba ba bone.

E rile amogela baeng, Kgosi Itsoseng Gaoonwe o ne a supa fa merafe ya Letlhakeng e tshela mmogo ka kagiso le lorato.

A re merafe ya Letlhakeng ke Babolongwe, Bashaga, Bakgwatheng le Basarwa, mme ba tlotla ngwao ya bone fela thata.

Mopalamente wa kgaolo eo, Rre Liakat Kablay a re o lebogela gore tiro eo e bo e tlisitswe mo Letlhakeng, ka seo se fa badiragatsi ba kgaolo ya gagwe sebaka sa go tsaa malebela..

A re ngwao e botlhokwa mo merafeng ka go farologana, ka e kaya gore ‘re bo mang, re tswa kae, re ya kae mme e bile re tshela jang’.

Rre Kablay o tlhalositse fa ngwao e tshwanetse ya bolokwa gore bana ba tle ba itse ditso tsa bone, mme a ba kopa gore ba nne motlotlo ka dipuo tsa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : LETLHAKENG

Event : Ipelelo Ngwao

Date : 13 Jun 2023