Setlhopha sa Badiragatsi se tlaa emela makgaolakgang a dikhwaere
13 Jun 2023
Setlhopha sa dikhwaere sa badiragatsi go tswa kwa Mochudi ke bone bo mmampudi mo dikgaisanong tsa dikhwaere tse di neng di tshwaretswe kwa Tlokweng ka Matlhatso.
Se se raya gore setlhopha se, se tlaa ya go emela kgaolo ya Borwa kwa makgaolakgannyeng a dikgaisano tsa bodiragatsi tsa ga Tautona ka kgwedi ya Phukwi mo karolong ya dikhwaere.
Setlhopha sa badiragatsi se longwa serota ke setlhopha sa Dintoronkong go tswa kwa Mogoditshane fa maemo a boraro a tserwe ke setlhopha sa Vultures go tswa kwa Kanye.
Dikgaisano tse, di ne di tshologetswe ke morafe wa Batlokwa ka dipalo palo ka e bile e ne e le lantlha dikgaisano di tshwarelwa kwa Tlokweng.
Ditlhopha tse di neng di iteisana borathana di ne di tswa mo dikgaolong tsa borwa tse di farologanyeng di akaretsa kgaolo ya Gaborone, Kweneng, Ngwaketse, Kgatleng mo go tse dingwe.
Mo potsolotsong le mogolwane wa lephata la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao, Mme Masego Mpebe, a re dikgaisano tseo, di ne di tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng Tlhabololo ya Itsholelo ka Dikgwebo tsa bodiragatsi le botaki.”
A re setlhogo se, se tswa mo moonong wa gore badiragatsi le bataki ba ka itirela letseno ka ditalente kana dineo tse ba di filweng ke Modimo.
O tlhalositse fa se se raya gore dikgaisano tse di ka thusa go ribolola ditalente tsa badiragatsi gore di tle di pepetletswe ba kgone go ka itshetsa ka tsone mono gae le kwa mafatsheng a mangwe.
Le fa go ntse jalo Mme Mpebe a re fa ba simolola dikgaisano tse ba ne ba solofetse ditlhopha di le masome mabedi le boraro tse di neng di ikwadisitse mme yare nako e ntse e tsweletse tsa fokotsega go fitlhelela go sala ditlhopha tse di lesome le boraro tse di neng di phadisana ka Matlhatso.
A re mabaka mangwe a a dirang gore ditlhopha di ikgogele morago ke gore tsamaiso le melawana ya dikgaisano e tshwanetse go salwa morago.
A re setlhopha se tshwanetse sa nna le baopedi ba palo e e seng kwa tlase ga masome mabedi le botlhano.
Ka jalo, ka mabaka a a farologaneng a tshwana a bokoa kgotsa bangwe ba bone mafulo a matalana ba felela ba ikgogetse kwa morago.
Ntle le dikgwetlho, Mme Mbepe a re se se itumedisang ke gore ga go a ka ga nna le dingongorego dipe fela mabapi le ka fa dikgaisano di tsamaileng ka teng.
A re se sengwe se se itumedisang ke gore kgaolo ya Tlokweng e kgonne go nna le ditlhopha tsa moopelo wa dikhwaere di le pedi e le lantlha kgaolo e nna le ditlhopha tsa mofuta oo.
Ditlhopha tseo ke tsa Maradu le sa Bankane ma 60.
E re ntswa setlhopha sa Maradu se di goga kwa mogatleng, se ga se a ka sa ba kgoba marapo mme ba itumeletse gore ba nnile le sebaka sa go ithuta le go itlhokoletsa dikgaisano tse di latelang ngwaga o o tlang.
Setlhopha sa Bankane ma 60 sone se ne sa tlhoka go tla ka dipalo tse di letlelesegang mme le bone ba seka ba ipona tsapa ba natefisa letsatsi ka mmino maikaelelo magolo e le gore ba itsolopanye ba itlhokoletse dikgaisano tse di tlaa tlang.
“Se se re itumedisitseng le go gaisa ke kemo nokeng e re e boneng mo bogoging jwa Tlokweng ka ba tlhotse le rona go tloga mo mosong go fitlha maitseboa,” Mme Mbepe a tshwaela jalo a kaya gore go dira jalo go ba tiisa moko e le lephata ebile gape go tsisa tsholofelo mo badiragatsing. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : TLOKWENG
Event : Dikgaisanyo Tsa Moopelo
Date : 13 Jun 2023