Breaking News

Boora Mathalaza ba kopilwe go ikanya Modimo

13 Jun 2023

Dibui ka go farologana di kaile moswi Mme Amantle Mathalaza yo tlhokafetseng mo kotsing ya tsela kgwedi eno e tlhola letsatsi jaaka ngwana yo a neng a rata dinyao ebile fa neng a le teng go ne go nna go rena setshego fela.

Kotsi eo, e ne ya gapa matshelo a batho ba le masome a mabedi le bobedi go balelwa le Mme Mathalaza yo o dingwaga tse di masome a mabedi le motso le lesea la gagwe la mosimanyana e leng Andile Mathalaza yo o ngwaga le sephatlo mme ba tlholega kwa Sekakangwe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.

Bobedi joo, bo bolokilwe kwa Sekakangwe kgwedi eno e le lesome.

Mongwe wa dibui kwa phitlhong ya bobedi joo, ebong mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Simon Moabi o ne a gakolola boora Mathalaza go gomotsega mme ba ikanye Modimo mo nakong e thata eo, ya go latlhegelwa ke bana ka tsela e e ntseng jalo.

Rre Moabi o ne a bo a ba akgolela go bo ba ne ba seka ba supa ope ka monwana morago ga go welwa ke seru seo, mme boemong jwa moo ba tshwaragana ka maikalelo a go boloka bana ba bone ka kagiso.

O tsweletse a leboga puso ka ofisi ya molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, a supa fa e ne ya ema nokeng boora Mathalaza gotswa fela ka letsatsi la fa leso le thubega go fitlha go bolokwa.

Rre Moabi o lebogetse botlhe ba ba neng ba ipha matsapa a go ya go tshedisa ba lelwapa leo le go thologela phitlho eo, go tla go buledisa bobedi joo.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Sekakangwe, Rre Shepard Mogapi o supile fa tsela ya A3 e le mo seemong se se sa itumediseng. 

A re go diragetse dikotsi tse di seng kana ka sepe mo go yone e bile di gapa matshelo a batho ka dipalo tse di makatsang.

 A re tsela eo, ke nngwe ya tse di dirisiwang thata mo lefatsheng leno, ka jalo e tlhoka go tsibogelwa ka bonako, e seng jalo e tlaa tswelela e gapa matshelo a batho.

Rre Mogapi a re dikotsi di gakadiwa bobe ke dikoloi tsa megobagoba tse a tlhalositseng fa bakgweetsi ba tsone ba na le mokgwa wa go tsamaya ba tlhomagane mme ba sa katologana.

A re go sa katologana ga bone gole gantsi go baka gore bakgweetsi ba bangwe ba seka ba kgona go bona dikoloi tse di tswang kwa pele mme e re ba leka go di feta go felele go diragala matlhotlhapele.

 Ka jalo o ne a kopa ba sepodisi go nna ba ipha matsapa a go nna ba tsamaya mo tseleng eo, ba laola ka fa dikoloi tsa megobagoba di tlhomaganang ka teng. Rre Mogapi o gwetlhile bakgweetsi go nna le kelelelo, a supa bangwe ka monwana ka go kgweetsa ka bofafalele.

 Mo go la gagwe, mokhanselara wa kgaolwana ya Kalakamati, Rre Zibani Mbalambi o ne a kopa boorra Mathalaza go amogela se se ba diragaletseng, a re Modimo o tlaa ba sedila maikutlo.

 Mo go tse dingwe, mokhanselara Mbalambi o ne a supa khuduego tebang le bogodu jo bo kekelang mo tikologong ya bone, a supa fa e le mongwe wa batswasetlhabelo ka a sa tswa go amogiwa koloi ya gagwe e le mo nakong eno e santseng e tsene ka lenga la seloko.

O rotloeditse batsadi go kgalema bana ba bone, a re go supafala go na le bangwe ba mono ba ba rotloetsang bogodu jo bo diragalang mo lefatsheng leno.

Kgosi Boitshepo Maselwa wa Sekakangwe le ene fela jalo o ne a iteela kobo moroko ka go gakolola boorra Mathalaza go amogela seemo seo, a re se se diragetseng ke thato ya Modimo. A re ba tshwanetse ba tlhaloganya fa batho botlhe ba tlaa tsamaya ka ditsela tse di farologaneng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : SEKAKANGWE

Event : Tirelo Ya Phitlho

Date : 13 Jun 2023