Breaking News

Modukanele o lekola ditiro tsa ditlhabololo

13 Jun 2023

Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Sethabelo Modukanele a re go botlhokwa gore maemelo a dipalamo tsa setshaba a Mahalapye a nne mo seemong se se siameng ka jaaka a diriseditswe madi a mantsi.

Rre Modukanele o buile se mo leotong lwa gagwe go lekola maemelo ao a dipalamo tsa setshaba kwa Mahalapye le ditiro dingwe tse di dirwang ka lenaneo la ditlhabololo la dikgaolo (Community Constituency Projects (CCP)) kwa metseng ya Shakwe, Machaneng le Sefhare bosheng.

Kwa Shakwe, Rre Modukanele o ne a akgola modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse gore ba bo ba kgonne go fetsa kago ya diofisi tsa badirelapuso ka bonako ka jaana go se motlhofo mo nakong eno ya tlhaelo ya madi.

Diofisi tseo tse nne ka palo di fedile ebile di mo tirisong le ntswa di ise di tsenngwe motlakase. 

Di lopile P350 000, yo o saleng a ntshitswe ka ngwaga wa madi wa 2019/20 mme di feditse go agiwa ka ngwaga wa 2021.

Mothusa tona o ne a supa fa go le botlhokwa gape gore sengwe le sengwe se se dirwang se tshwanetse go dirwa go lebeletswe gore kwa phelolong se tswela Batswana molemo.

Kwa Machaneng, Rre Modukanele o ne a tswelela a lekola ntlo e e agetsweng Mme Tshenolo Kgangrona ntlo ya dikamore tse pedi tsa boroko morago ga ditshekatsheko tsa ba boipelego.

Kgosi Ambrose Ramosweu wa Machaneng o ne a bolelela mothusa tona fa banni ba lebogela lenaneo la go thusa ba ba dikobo dikhutshwane.

O ne a kopa gore ba ba tlhokang ba tswelele ka go thusiwa, segolo bogolo ka letlhoko la ditiro le le ntsi kwa motseng oo.

Mo ditirong tse dingwe, Rre Modukanele o ne a lekodisiwa ka matlo a boroko jwa barutabana kwa sekoleng se se segolwane sa Sefhare a a solofetsweng go rarabolola tlhaelo ya boroko le ntswa a ise a fele.

O ne gape a lekola maobo a le mabedi kwa dikgotleng mme a le mo legatong la bofelo go ka tsena mo tirisong.

Fa a akgela, modulasetilo wa khansele ya Mahalapye, Rre Bantlhasetse Merementsi o tlhalositse fa ba tlaa leka ka bojotlhe go feleletsa matlo ao ka a tsere lebaka, a sale a ntsheditswe madi ka ngwaga wa 2018/19.

Rre Merementsi o ne a supa fa ba itlamile go thusa batho ba kgaolo ka botswapelo le bonatla.

Le fa go ntse jalo, Rre Merementsi o ne a supa fa ba lebagane le dikgwetlho mo maitekomg a bone a go tlamela batlhoki mo kgaolong yotlhe ka jaana ba le bantsi, mme a solofetsa fa ba tlaa leka ka gotlhe go tswelela ka go ba thusa.

Mo tse dingwe, a re ba tshwenngwa ke go tlhaela ga badiri morago ga gore khansele e godisiwe, a supa fa se se ba kgoreletsa go dira ka bonatla jo ba bo eletsang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : MAHALAPYE

Event : Tekodiso

Date : 13 Jun 2023