Bomme le banana ba kgothadiwa go dirisa mananeo
12 Jun 2023
Bomme le banana ba rotloeditswe go tsaya mananeo a puso ka tlhoafalo, ka e le bone ba babalelwang ke manokonoko a lehuma.
Mothusa tona ya Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talita Monnakgotla a re bomme ba ka gantsi e leng bone ditlhogo tsa malwapa, gape ba tlhokomela bana ba tshwanetse go ikemela ka dinao.
Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Dimajwe le Mmmashoro ka Labone, Mme Monnakgotla o ba itsisitse ka lenaneo la Ipelegeng le le tlhabolotsweng le mananeo a a thusang banni ba ba kgakala le ditlamelo.
Mme Monnakgotla o tlhalositse fa mananeo a puso a le matsorotsoro mme bomme ba le maoto a tshupa go inaakanya le one.
A re bomme ba ka dira dikgwebo go tshetsa ba malwapa a bone go na le go baya tsotlhe mo maruding a puso.
O boletse fa banana le bone ba diega go tsaya mananeo a puso, mme a tlhalosa gore ke one a a ka ba tlhamelang mebereko.
Fa ba mo kgwa kgaba, banni ba boletse fa mananeo a puso a le mantle, mme sebe sa phiri e le gore ga a tle ka nako, ebile badiredi ba puso ba tlhaela.
Kwa Mmashoro, Mme Mmancha Moipisi o boletse fa bangwe ba sale ba solofeditswe dipudi tsa nyeletso lehuma, fa bangwe ba ba di boneng go le thata ka go sena kwa ba di nosang teng.
O kopile gore sediba sa morafe se se teng mo motseng wa bone, se gokelwe gore ba kgone go nosa leruo le ba le filweng ka lenaneo la nyeletso lehuma le LIMID.
Bare sediba se ne sa tswalwa gotwe se kgotlelesegile, mme ba kopa gore se gokelwe gore ba kgone go gogela diphaephe kwa tshimong ya morafe e e bapileng le sediba eo.
O boletse fa dipudi di haletse le naga ka ntata ya lenyora.
Mothusa tona o ne a solofetsa gore o ya go kopa madi gore sediba se bo se goketswe mo dibekeng tse pedi tse di tlang.
Rre Leaname Ramatlhaku o boletse fa mananeo a sa goroge sentle kwa banning ba ba kgakala le ditlamelo, are go diragadiwa ga one go tsaya nako e telele thata mo ba felelang ba itlhoboga.
O boletse fa ba ntse ba ikaegile ka temo, mme ka ntata ya dipula tse di sa ikanyegeng leuba le ntse le ba aparetse.
Rre Ramatlhaku are ba tlhoka ba ba ba lemelang, ka ntlha ya tlhaelo ya diterekere, gape a re ba ngongoregela madi a puso e ba duelang fa ba sena go lema.
Rre Kagiso Thebeetsile wa monana o kopile puso go epela balemi-barui didiba mo masimong gore ba leme temo ya nosetso ka pula e le boutsana.
Banni ba boletse fa go sena ditiro mo metseng ya dikgaolo, ba bolela fa tiro e e ba thusang e le ya Ipelegeng fela, mme ba kopa gore dipalo tsa babereki ba Ipelegeng di okediwe gore botlhe ba tsenye letsogo.
Mme Thayaone Khona a re ba boipelego ga ba sekaseke sentle ka ba tlogetse batho bangwe ba ba tlhokang thata kwa ntle ga lenaneo.
Fa Rre Thuso Kesetsekae ene a boletse fa mo kgaolong ya bone ba thusitswe fela ke maungo a naga, ka gore ga ba bereke ebile khansele ga e ba thuse ka sepe. A re ba dikile ba tshela ka morama.
Banni gape ba ngongoregile ka lekgotla la kabo ditsha ba re ga ba abelwe ditsha tsa bonno.
Ba tladitse ka gore malwapa a godile jaanong ba nna ba sukagane mo go tsalang kubetsano fa gare ga masika, ba re bangwe ba setse ba iphile ditsha e se ka fa molaong ka ntlha ya tiego ya lekgotla go ba abela ditsha.
Kwa Dimajwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme Tshidiso Jane are mananeo a lebaganeng banana a diega thata, gape are sekole sa bone se se botlana se makgasa mme se batla go shafadiwa.
A re diokomelabagwe di thubegile, fa bodilo jwa matlo a borutelo bo le dikhuti, fa matlwana a boiteketso o ne a le maswe thata mo bana ba sekole ba dirisang sekgwa.
Rre Lame Morupisi o boletse fa mananeo a leruo a batla go na le didiba gore batle ba kgone go rua sentle go inamola mo lehumeng.
O boletse fa tsela ya Mmashoro-Dimajwe e le maswe mo dikoloi tsa puso di palelwang ke go isa ditlamelo kwa Dimajwe. O boletse gore fa pula e nele ga gona ope yo o yang Mmashoro kgotsa Serowe.
Mme Oneetse Nkhumisang wa monana, o ikuetse mo go mothusa tona gore fa e sale ba isiwa dithutong tsa tiro ya diatla ke khansele, ba solofediwa fa ba tlaa batlelwa ditiro mme nako kgolo ke eno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MMASHORO/DIMAJWE
Event : Diphuthego Tsa Kgotla
Date : 12 Jun 2023