Breaking News

Tshwaragano e botlhokwa - Pule

12 Jun 2023

Mothusa tona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae,Rre Mabuse Pule a re kgotlhang ya batho le diphologolo tsa naga e ka kgonwa ka go tshwaraganelwa.

O tlhaloseditse banni ba Tutume jalo mo phuthegong ya kgotla Seetebosigo a ferabobedi.

Rre Pule o kopile banni go re ba ithute go tshela le diphologolo tsa naga, a supa fa ba ka dira letseno ka tsone.

O ba kopile go tswa ka megopolo kana methale e e ka thusang mo go laoleng diphologolo tseo bogolo jang ditlou, tse di apesitseng batho kobo ka letshoba mo kgaolong ya Tutume.

A re puso e leka ka bojotlhe go laola seemo seo, mme go tlhoka tshwaragano le setshaba.

O ne a bua gape ka go gola ga dikgang tsa tiriso botlhaswa ya bana ba basetsana.

A re dikgang tseo di ngomola pelo ka go begilwe fa go itseetswe dikobo ka dikgoka mo basetsanang  ba le masome marataro le bone, fa ba ba makgolo mabedi ba ba dingwaga tse di kwa tlase ba dirisitswe botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo.

Rre Pule o kopile magosi go potlakela seemo seo le go bitsa lebatla go kopanela dikgang tseo, ba bone ka fa ba ka lwantshang dilalome tseo ka teng, go dintsha mo bathong.

Fa a akgela ka lephata la gagwe, o boletse fa maikaelelo a bone e le go thusa batho ka botswapelo ba setse moono wa ga Tautona morago.

O gwetlhile bodiredi jwa puso mo kgaolong eo, go dira ba ikaegile ka lenaneo la Reset Agenda go tlhabolola le go godisa kgaolo ya bone e e sa tswang go tsholediwa maemo.

Mothusa tona o boletse fa lenaneo le lesha la Temo Letlotlo le na le thulaganyo e e faphegileng ya go thusa batlhoki le batho ba lenaneo la nyeletso lehuma.

Banni ba ne ba lela ka seemo sa kokelo ya Tutume, se ba boletseng se ngomola pelo, mme ba kopa gore kokelo eo e baakanngwe.

Ba ne ba lela ka tsela ya A3, ba bolela fa e senyegile thata e bile e baka dikotsi.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Tutume, Rre Liketso Nkhwalume o supile fa dikole tse di mo motseng di le makgasa, e bile di tlhaelelwa ke di dirisiwa jaaka ditilo le ditafole.

Rre Nkhwalume o ne a supa matshwenyego ka seemo sa kokelo ya Tutume, a re ba tswa kgakala ba ikuela ka yone mme go se nko e tswang lemina. Fa a araba matshwenyego a banni, Rre Pule o boletse fa kgang ya boradikonteraka ba ba lwelang ditiro fa thendara e se na go abiwa e le nngwe ya tse di diang ditlhabololo.

Mothusa tona o kopile batho go tshwaraganela kgang ya boradikonteraka le puso, ka e setse e tsere phekelo e sele mo go senang tswelelopele ya ditlhabololo ka ntata ya go gogagogana kwa makgotla tshekelong.

O gwetlhile badirelapuso go tswa mo sepolotiking, mme ba thuse batho ka tshwanelo go tlhabolola matshelo a bone le kgaolo.

Mopalamente wa kgaolo, Dr Never Tshabang o ne a kopa puso go potlakela seemo sa tsela ya A3, a re matshelo a batho a fedile ka ntata ya seemo sa yone. Dr Tshabang o ne gape a kopa go re go rarabololwe kgang ya ditlou tse di senyetsang balemi, a re banni ga ba kake ba kgona go tshela le diphologolo tseo ka ke balemi barui. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 12 Jun 2023