NARDI e simolodisa dipatlisiso go tokafatsa boleng jwa nama
31 May 2023
Dipatlisiso tse di tseneletseng go tokafatsa boleng jwa nama ya dihutshane di simolotse ka Labobedi kwa Lobu.
Fa a simolodisa dipatlisiso tseo ko masakeng a masha kwa Lobu, moeteledipele wa tlhabololo leruo mo lephateng la National Agricultural Research and Agricultural Development Institute (NARDI), Dr Kethusegile Raphaka a re go ntsha dihutshane tsa boleng jo bo kwa godimo go tlhoka maitemogelo a a kwa godimo.
Ka jalo ba simolodisitse dipatlisiso tseo go tokafatsa boleng jwa nama ya dihutshane pele ga e isiwa kwa marekisetsong.
Dr Raphaka a re mebaraka ya mafatshe e batla nama e e boruma, ka jalo go botlhokwa go baakanya nama eo pele e ya go rekisiwa.
O supile fa dihutshane di tlaa bewa mo masakeng fa di le dikgwedi tse nne, mme di tlaa fepiwa ka motswako wa dijo oo haphegileng dikgwedi di le tharo go fitlha di ya mmarakeng.
A re ba sekasekile metswako ya dijo mme go tlaa dirisiwa lotlhaka, sunflower seed cake, di-calcium phosphate, letswai, molasses, mmidi le metswako e mengwe.
Dr Raphaka o kopile barui gore ba seka ba tshwenyega ka gore metswako eo e ka bonwa gongwe le gongwe.
A re ba setse ba dirile ditshekatsheko ka motswako oo, mme o supile gore o ka tsisetsa barui dipoelo ka o dira gore di nne le mafura a a lekaneng le tatso e e haphegileng e e rokotsang lethe.
Motswako oo ke wa tlholego mme o dira gore dihutshane di gole ka bofefo, di ntshe bokete jwa nama e e rileng.
A re fa di hula mo nageng di tsamaya sekgala se se leele mme di ka latlhegelwa ke mmele ka jalo go botlhokwa go di baya mo masakeng kgwedi tse tharo.
Tshimolodiso ya dipatlisiso tseo ke legato le le botlhokwa, mme ebile barui ba rotloediwa go tsaya malebela seo go baakanyetsa leruo la bone go ya mmarakeng jaaka fa matlhabelo a Tsabong a tlaabo a bulwa mo bogaufing.
Dr Raphaka a re puso e agela Batswana matlhabelo ao gore go phadisanngwe kwa di mmarakeng tsa mafatshe ko Middle East le tse dingwe, mme phadisanyo e ko godimo fela thata, ka bareki ba supa ka fa ba batlang nama ka teng.
“GO botlhokwa gore barui ba dirise dipatlisiso tse go tokafatsa boleng jwa leruo la bone,” Dr Raphaka a tlhalosa.
A re go rekisa dihutshane tse di tswang fela mo phulong e e senang dikotla, go kgona go seke go tsise letseno le le rileng.
Ka jalo Dr Raphaka o ne a gakolola barui go dirisa sepe fela se ba nang le sone jaaka maphane le meselesele go aga masaka go fokotsa ditshenyegelo.
Mo nakong eno lesaka le le agilweng go dira dipatlisiso tseo ke la segompieno, mme le tlaa tsenya dihutshane di le masome a mararo tse di tlaa tlholwang boleng morago ga dikgwedi tse tharo.
Motshwarelela modula setilo wa NARDI, Rre Mbatshi Mazwiduma a re NARDI e tlaa dira dipatlisiso tseo le barui gore ba dirise botsipa joo gaufi le bone gona le go neelwa maduo a dipatlisiso fela.
O ne a gakolola barui gore go botlhokwa go dirisa ditsompelo tse ba nang le tsone ko merakeng le go dirisa maranyane gore ba kgone go bona dipatlisiso tse di dirwang mo leruong.
Mothusa mokwaledi wa lephata la Temo-Thuo, Mme Tinny Diswai, a re dipatlisiso tseo di dirwa ke ba NARDI ba tshwaragane le ba lephata la leruo. A re thuo ya dihutshane e santse e le kwa morago ka jalo go botlhokwa go dirisa dipatlisiso go e tlhabolola.
A supa jalo gore thuo eo e bogadi bo gaufi ka di gola ka pela go gaisa dikgomo mme go botlhokwa go e atolosa.
Mme Diswai o boletse fa go na le mafatshe a a emeng malala a laotswe go reka nama ya dihutshane mo Botswana, jaanong go mo maruding a barui go ntsha dihutshane tse di nang le boleng ka dipalo tse di kwa godimo.
Ba NARDI ba filwe boikarabelo jwa go dira dipatlisiso tse di tlaa thusang barui go ntsifatsa leruo la bone ba itebagantse le diji, matlhoko a leruo le tlhabololo ya temo thuo go tswa ka methale e mesha.
A re puso e tsisitse Omang wa dihutshane bosheng, mme seo ke nngwe ya se se tlhokiwang ke mmaraka wa mafatshe gore bareki ba itse gore ba ja eng, se tswa fa kae le gore se godisitswe jang. Ka jalo barui ba tshwanetse ba tsaya se ka tlhoafalo ba itse gore ke nngwe ya tse di tlhokiwang.
Moeteledipele wa NARDI Professor Julias Atlhopheng ene o ne a lebogela barui go tsenelela tshimolodiso ya dipatlisiso tseo. O ba rotloeditse go dirisa mananeo a puso le go dirisa dipatlisiso tseo go tlhabolola leruo la bone go le baakanyetsa mmaraka.
O tlhalositse fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a bone mmaraka wa dihutshane, mme jaanong barui bone ba tshwanetse ba eme ka dinao go ntsha dihutshane tsa boleng jo bo kwa godimo.
A re ba ikamanye thata le go dirisa dipatlisiso tsa NARDI go ntsifatsa leruo lwa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : LOBU
Event : Bokopano
Date : 31 May 2023