Breaking News

Ba Werda ba kopa kgaolwana e nngwe

31 May 2023

Banni ba Werda  ba kopile go okelediwa ka kgaolwana e nngwe go oketsa ee ntseng e le teng ka se se ka fokotsa mosuke le mosepele ka nako ya ditlhopho.  

Ba re fa mogopolo wa bone o ka atlega ba ka eletsa gore kgaolwana e ya Werda, e ka fetoga go nna Werda East le Werda West le gone go oketsa mafelo a matlhophelo ka palo ya banni e godile.

Ba buile se bosheng mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke komiti e e tlhomilweng go kgaoganya dikgaolwana tsa bokhanselara mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.

Banni ba ngongoregile ka go tsamaya sekgele se se leele go ya go tlhopha le mosuke ka nako ya ditlhopho, ba re kgaolwana e ka thusa ka jaana  palo ya batho e feta dikete tse tharo  selo se se dirang gore mokhanselara a imelwe ke tiro. Fa a ntsha pego moemedi wa morafe Rre Samuel Keamogile o ne a supa fa kgaolwana eo e dikaganyeditswe ke dipolasi le meraka ka jalo e le bophara mme ba kopa gore mafelo a matlhophelo a okediwe go fokoletsa banni mesepele, ka a le mane  go tlatsa a a ntseng a le teng a matlhano go nna a le boherabongwe.

Rre Keamogile a re maina a ba a akantseng a tsile morago ga go kopana e le morafe go buisana go tlhagolela tsela phuthego eo.

O ne a supa fa  gape ba tla  kopa ditante go ka dirisiwa ka gantsi go dirisiwa dikgago tsa puso mme di setse di dirisiwa gale mo mafelong a matlhophelo a a  ntseng  a le teng a  matlhano.

Le ntswa banni ba ne ba dumalana ka bongwefela jwa pelo  go okeletswa ka kgwaolwana e le nngwe go nna tse pedi  ba ne ba sa  dumalane ka fa ba  kgaogantseng  dikgaolwana tseo ka teng mme kgakololo ya nna gore go botoka ba kgaoganya ka ditsela  tse di mo motseng e seng ka diphaposi.

Go le pele fa a tlhalosa ka maikaelelo a diphuthego tseo molaodi wa kgaolo ya Kgalagadi Rre Bigboy Mangwa o ne a supa fa e le go tsaya megopolo mo morafeng gore batho ba eletsa diphetogo di fe, fa kae mo kgaolwaneng ya bone ya botlhophi.

O ne a tlhalosa fa kgaolo ya Kgalagadi South e ntse e na le makhanselara a le lesome le bone kwa ntleng ga a a itlhophetsweng.

Rre Mangwa o boletse  fa jaanong komiti ee kgaoganyang melelwane ya dikgaolo e tsere tshwetso ya go  oketsa makhanselera ka bone mo ditlhophong tse di tlang tsa 2024 go dira ba le lesome le boherabobedi kwa ntle ga ba ba itlhophelwang. 

O boletse fa go ya ka palobatho ee fetileng palo ya kgaolo ya Kgalagadi e le 35 351, fa Werda e na le batho ba le 3349, ntswa 1 964 e le yone palo ee tshwanetseng kgaolwana ya mokhanselara  a le mongwe.

Molaodi wa Kgalagadi o ne a tswelela a tlhalosa fa kgaoganyo e dirwa go lebeletswe palo ya batho, go katologano ga metsana gammogo le sebopego sa kgaolo, ngwao ya morafe oo, ditsela le ditlamelo di akaretsa ditlhaeletsano.

Mo malebong leloko la komiti eo Kgosi Girl Jacobs wa Gakhibana o ne a supa fa tiro ya bone e le go tsamaya le kgaolo ba utlwa maikutlo a banni mme e tla re morago ga tshekatsheko gape ba itsisiwe gore ditshwetso tse di tserweng ke dife. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : WERDA

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 31 May 2023