Breaking News

Go aba go supa lerato - mogokgo

31 May 2023

Mokgatlho wa Madiba Class of 93 (M 93), e rile bosheng wa abela baithuti ba sekole se se botlana sa Mmaphashalala ba le masome a mararo le botlhano (35) paka ya sekole ya mariga le dijo. 

Mogokgo wa sekole seo, Rre Thapelo Madikwe o tlhalositse fa go abela baithuti go supa lorato le tlhokomelo mo baneng, a tlatsa ka gore go aba go supa mowa wa bopelotlhomogi le lorato.

Rre Madikwe a re mpho eo e supa lorato mo baneng le mo lefatsheng ka isago ya lefatshe e le mo diatleng tsa bone. 

“Re fa go ba raya re re re a ba bona, re a ba rata, ba ka nna se ba eletsang go nna sone”, a tlhalosa. 

O ne a tlhalosetsa bana gore ba ba abang, le bone ba tsamaile tsela e ba e tsamayang, mme ka ba nnile le tumelo ya gore ba tla a kgona, ke ka jalo ba kgonneng.

A ba rotloetsa go itebaganya le dithuto tsa bone ba sa diiwe ke dilo tse dingwe tse di senang mosola.

O supile fa tiro e ntle e e file  bana seriti, mme se se tla a dira gore ba seka ba ipona ba kgethololwa ka tsela epe.

O ne a kopa gore mongwe le mongwe a nne le boikarabelo jwa go thusa ba bangwe, ka mowa o o phuthologileng le lorato.

Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana (PTA), Mme Ofentse Sekgwathe o ne a lebogela tiro e ntle e e dirilweng ke mokgatlho oo, mme a ba rotloetsa go tswelela ba thuse.

O kopile batsadi go tlhokomela dimpho tsa bana, gore go thusiwe ba bangwe, a tlatsa ka gore di seka tsa fetisediwa ko go ba masika. Mmaboipelego wa motse, Mme Ruby Ramore a re mokgatlho wa M93 o abetse gape ba lelwapa lengwe diaparo tse di rekisiwang, go tsholetsa itsholelo ya bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : MMAPHASHALALA

Event : Kabo dimpho

Date : 31 May 2023