Breaking News

Tsibogelang tshidilo maikutlo

31 May 2023

Batho ba ba tlhokafaletsweng ba tlhoka tshidilo maikutlo ka e ka ba thusa bogolo jang go mo go tseyeng ditshwetso.

Go lemosegile fa batho ba ya kwa diofising tsa Boipelego go batla ditirelo di sele jaaka go kwadisa dikhutsana mme ba itlhokomolosa tshidilo maikutlo ntswa e le yone ee botlhokwa. 

Mogolwane wa ba boipelogo mo Khanseleng ya Tsabong Mme Masego Kgomotso o kgothaditse banni  go tsaya  botsogo jwa tlhaloganyo tsia ka go kopa dithuso mo go ba tshidilo maikutlo pele ga ba ka tsaya ditshwetso dipe fela. t

Fa a ntsha lefoko la kgothatso  bosheng kwa tshimolodisong ya merapelo kgatlhanong le go itseela botshelo ga banana kwa Tsabong,  Mme Kgomotso o ne a supa fa tshidilo maikutlo e tswa bogologolo. 

A re mme  gantsi fa batho ba gateletswe ke maikutlo  ba lebala gore go na le makalana aa tshwanang le la boipelego  kwa ba ka kopang thuso teng.    

 O boletse fa go le botlhokwa gore ope fela yo o tlhokafaletsweng a rotloediwe go ya go sidilwa maikutlo pele ga leso le morago  gore a tle a kgone go kokobela maikutlo le tlhaloganyo.

 A re se ke yone kalafi ya konokono morago ga go ralala diemo tse di utlwisang botlhoko.

Mme Kgomotso a re ntswa gantsi dikgang tsa kgatelelo ya maikutlo  di lemosega fa motho a bua  gantsi di tsewa motlhofo mme kwa phelelong batho ba go nna jalo fa felela ba tsaya dikgato tse di seng maleba ka go gatelelwa ke maikutlo.

A re dingwe tsa dikai tseo di akaretsa, sefatlhego se se tlhontseng ,go tenwa ke sengwe le sengwe, go sisa pelo e  nna  botlhoko jo bo feteletseng. 

 Mme Kgomotso o supile fa go se motlhofo go lemoga motho yoo gateletsweng ke maikutlo. 

E re ka jaana dikgang tsa go ikgapela botshelo di tshabelela  banana, o ne  a gwetlha batsadi go godisa bana ka fa go tshwanetseng ka teng, go itse metsamao ya bone le gone go itsalanya le bone. A re seo se ka thusa gore ba phuthologe go buisanya ka dikgwetlho tse ba di ralalang mme ba tswe ka ditharabololo go ba thusa, a supa fa gantsi maranyane a di facebook megala ya mesokela tsebeng di gakatsa seemo. 

Rre Ofentse Kemoabe go tswa District Health Management Team (DHMT) o ne a tlhalosa fa ba gatisitse dikgang tsa go leka go ipolaya di le lesome mo sepateleng sa Tsabong go simolola ka kgwedi ya Herikgong go fitlha mo nakong ya gompieno selo se a supileng se tshwentse ba lephata la botsogo.

Rre Kemoabe a re dikgang tsa dikotsi tsa tsela le dipolaano tse di diragalang mo kgaolong eo ga di ba jese diwelang.

Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo Moruti Thunga Chimbombi wa kereke ya UCCSA  o ne a tlhalosa fa dikgang tsa go ipolaya di tsentse tsebetsebe mme maikaelelo e le go buisana, go tlhagisa setshaba le gone go tswa ka ditharabololo.

Moruti Chimbombi o ne a supa fa ditiraglo tsa go ikgapela botshelo di ne tsa tsenya letshogo le poifo  thata mme banana ba tshwanelwa ke go neelwa  sebaka sa puisano ya bone ba le bosi   gore ba phuthologe go bua ka tse di  tshwenyang. 

A re maikaelelo a mangwe ke go tla go buisana e le boeteledipele, baruti le setshaba ka kakaretso go tswa ka maano le dikgakololo tse ba ka kgonang go busetsa seemo mo taolong.

Setlhogo sa puisanyo se ne se tswa mo lekwalong la  Ditiragalo wa bobedi 7: 14 

“Fa batho ba me ba ba bidiwang ka leina lame ba ikokobetsa,mme ba rapela,ba batla sefatlhego sa me, mme ba tlogela ditsela tsa bone tsa boikepo, foo ke tla ba utlwa ke le kwa legodimong mme ke tla ba itshwarela boleo jwa bone, ke fodisa lefatshe la bone.” Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Merapelo

Date : 31 May 2023