Breaking News

Poifo Modimo ke tshimologo ya botlhale

30 May 2023

Dikereke ka go farologana ga tsone di ne di phuthaganetse kwa lebaleng le le golo la metshameko kwa Serowe ka matlhatso go rapelela lefatshe la Botswana.

Baruti ba ne ba rera ka botswapelo ba rapelela kagiso, pula le go bepa diemo di tshwana kgokgontsho, malwetse, dikotsi tsa ditsela le tiriso botlhaswa ya ditagi.

Fa a bua ka maikaelelo a merapelo eo,  moruti wa Alter of God,e bile e le leloko la lekgotla la baruti mo Serowe Rre Onnetse Kebalebile o boletse fa dikereke di tshwentswe ke dikgwetlho tse Batswana ba lebaganeng le tsone.

O kgotlhaditse maloko a dikereke ka kakaretso go tlotla babusi le baruti ba bone, a bolela fa go le thona gore dilo dingwe tse di fatlhang di ka bonelwa kwa dikerekeng.

A re go botlhokwa gore kereke e iphaphe mo sepolotiking e bile e sa tshwanela go tsaya letlhakore, a tlhalosa fa a buisiwa se ke go bona dingwe tsa dikereke di inaakantse le sepolotiki, e bile go ba patika go tsaya letlhakore.

Moruti Kebalebile o rotloeditse maloko a dikereke go bala le go itse melao ya Botswana go itsa go nna mo lefifing.

A re dikereke di na le dikgwetlho jaaka bontsi jwa tsone di tlhoka ditsha go aga fa phuthego e ka kopanelang teng.

O tlhalositse fa dikereke bogologolo di nnile le seabe mo go tlhabololeng lefatshe ka go aga dipatela le dikole, ka jalo, go le botlhokwa gore di ka thusiwa ka ditsha. 

Fa  motshwarelela, bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Serogola Seretse, a rotloetsa baruti go rapelela babusi gore ba nne le botlhale jwa go busa tshaba ya Batswana, a bolela fa poifo ya Modimo ele tshimologo ya botlhale.

Merapelo e ne e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo Ka Modimo sengwe le sengwe se a kgonega.

Merapelo e ne e akaretsa diopedi tsa mmino wa sedumedi di akaretsa Obakeng Sengwaketse, Tshepho Lesole, Thatayaone Galekhutle le mogokaganyi wa tiro Rre Taolo Moshaga. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Merapelo

Date : 30 May 2023