Breaking News

Mackenzie o tlhomilwe go nna Bishop

30 May 2023

Bishop John Mackenzie wa Kereke ya Spritual Healing yo o neng a bewa mo maemong ao kwa Werda o kgothaditswe go dira ka natla a itsetsepetse ka lefoko la modimo gore a kgone go goga diphuthego ka boammaruri.

Moeteledipele wa Spiritual Healing Church mo Botswana, moporofiti Archbishop Joseph Motswasele o ntshitse kgothatso eo kwa Werda mo Kgaolong ya Kgalagadi Borwa ka Matlhatso fa a ne a baya Bishop Mackenzie mo setilong.

O kgothaditse mothusi wa gagwe wa bobedi go ikaega le go tshepa modimo ka nako tsotlhe jaaka a intshitse setlhabelo go disa letsomane la gagwe.

Moporofiti Archbishop Motswasele o ne a mo kgothatsa go sala morago motheo le ditsamaiso tsa kereke, mme a dire le maloko ka tshwaragano, boineelo, tlotlo le mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato ka nako tsotlhe.

Moruti Motswasele o rotloeditse Bishop Mackenzie go tlhokomela thata gore motheo wa kereke wa go fodisa ka metsi le thapelo gore o seka wa nyelela ka bangwe mo nakong tsa gompieno ba nyatsa gammogo le go tlhoka tlotlo mo bodireding jwa modimo, selo se a supileng fa se tshwanetse go fedisiwa.

Fa a ntsha lefoko la kgothatso mothusa, Bishop Moutlwatsi Kokoro o ne a tlhalosa fa kereke ya Spiritual Healing e tlhamilwe ka 1953 kwa Matsiloje, ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Israel Motswasele yo o sa tlholeng a le botshelong.

Bishop Kokoro o ne a tswelela ka go tlhalosa fa e ne ya re morago ga boipuso dikereke tsa gololwa go rapela, mme diphuthego tsa simolola go ntsifala mme ditempele ya bo e le maobo a nakwana, mo nakong eo di eteletswe pele ke baefangedi le batiakone.

O boletse fa e ne ya re ka 1970 baruti ba kereke eo ba simololwa go tlhongwa semmuso go ralala lefatshe leno, go rerela diphuthego lefoko la modimo.

Bishop Kokoro o boletse fa mo nakong ya gompieno kereke eo e setse e godile, ka e na le dikago di le masome a matlhano le bone, go balelwa le tse pedi kwa Namibia, mme disekete tsone di le masome a le boherabobedi mo Botswana le Namibia.

O ne a supa fa e ne ya re morago ga tlhongwa bishop wa ntlha go thusa go sekaseka ditsamaiso tsa kereke gammogo le go tlhomamisa gore melao ya lefatshe e e laolang dikereke e salwa morago ka fa go tshwanetseng.

Fa a amogela thomo eo marago ga kapeso ya gagwe le mohumagadi, Bishop Mackenzie o ne a supa fa a tla diragatsa thomo ya gagwe ka thata ya modimo ka a sale a mo tloditse fa a araba pitso ya gagwe.

Bishop Mackenzie a re maikaelelo a gagwe ke go tswelela a thusa Batswana le go fetola matshelo a bone, go ya ka fa modimo o mo laelang le go mo roma ka teng mo kgaolong e a e okametseng.

Fa a ntsha malebo, Rre Dick Kalantle yo eleng mokwaledi kwa khanseleng ya Gantsi, o ne a phophotha  mookamedi wa kereke eo Moporofete Archbishop Motswasele legetla ka tiro e ntle e a tsweletseng ka go e dira, ya go disa letsomane la modimo ka boammaaruri.

Rre Kalantle o ne a tlatsa ka go kgothatsa Bishop Mackenzie go tswelela a ikanya modimo ka e le seikokotlelo sa gagwe go mo kgontsha go dira thomo ya gagwe. 

O ne a galaletsa le go leboga diphuthego tsotlhe tsa kereke ya Spritual Healing Church tse di neng di tshologetse mokete oo go ralala lefatshe leno le kwa ntle le botlhe ba ba dirileng gore tiro eo e atlege.

Bishop Mackenzie o ne abelwa dimpho tse di farologanyeng e le tsela nngwe ya go mo nonotsha mo tirong ya gagwe.

Letsatsi leo le ne la ketekwa ka setlhogo se se reng, “Se Modimo a se nkaetseng ke tla se dira.” Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : WERDA

Event : Peo ya moruti

Date : 30 May 2023