Ba Phikwe Bikers Charity Run ba aba ntlo
30 May 2023
Ba mokgatlho wa Phikwe Bikers Charity Run ba abetse Rre Antony Gulubane ntlo kwa kgotleng ya Botshabelo mo Selebi Phikwe ka Matlhatso.
Fa a bua kwa moletlong wa go aba ntlo eo, mothusa ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Molefhe Molatlhegi o ne a leboga ba Phikwe bikers go bo ba dule Rre Gulubane matshidiso , a tlhalosa fa ntlo eo e tlaa mo fa seriti.
Rre Molatlhegi o tlhalositse fa bonno bo le botlhokwa thata ka jaana bo sa fe motho seriti fela mme bo mo fa kwa a tshabelang dibetso tsa tlholego teng jaaka dipula le serame.
Ntlo eo e akaretsa kamore ya borobalo, ya boapelo le ee tlhapelang. Rre Molatlhegi a re se se dirilweng ke ba Phikwe bikers ke go supa lorato le tirisano mmogo le setshaba se ba tshelang naso.
A re se ke se se rotloediwang ke puso gore setshaba le dikhamphani di tsenye letsogo go thusa ba ba dikobo dikhutshwane ka puso le sa tlhole ena le madi a go thusa mongwe le mongwe.
E rile a tswa la gagwe mothusa kgosi wa Ikageleng, Kgosi Molefhi Pilane o tlhalositse fa go aba go sa ree gore motho o a bo a na le go le gontsi mme go supa tirisano mmogo e Batswana ba itsegang ka yone.
Kgosi Pilane o supile fa mo dingwageng tsa gompieno kago e le turu mme a leboga ba Phikwe Bikers go bo ba ne ba itima monate go tlhomamisa gore Rre Gulubane o nna le bonno jo bo botoka.
O ne a re go tlhokomela mo-na le- bogole ke tiro e tona e bile e le dingalo mme a kgothatsa setshaba go nna ba thusa Rre Gulubane ka se ba ka se kgonang gore le ene a nne le botshelo jo bo botoka.
Rre Laurence Puso, yo e leng leloko la mokgatlho, o tlhalositse fa mokgatlho wa bone o sa itebaganya le go ijesa monate fela ka dikuta mme ba na le maitlamo a ba a ipeileng pele a go thusa ba ba tlhokileng lesego.
A re ba dira se ba setse morago letshego la tebelo pele ya setshaba, a re ke maitlamo a bone ke gore ngwaga le ngwaga ba bo ba abela mongwe yoo tlhokileng lesego ntlo.
Rre Pule a re ba thusitswe ke ba dikgwebo tsa Selebi Phikwe mme a tlhalosa fa ba tlaa tswelela ka go dira pharologanyo mo matshelong a batho.
Fa a amogela mpho mo boemong jwa ga Rre Gulubane yoo dingwaga tse di masome mabedi le bobedi, Mme Magret Gulubane o ne a leboga ba Phikwe Bikers go bo ba agetse ngwana wa gagwe ntlo, a tlhalosa fa go ne go le bokete go mo tlhokomela ya kamore ele nngwefela. Ends
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELIBE PHIKWE
Event : Kabo mpho
Date : 30 May 2023