Breaking News

Lucara e tsweletse ka go tlhabolola matshelo

29 May 2023

Khampani ya Lucara Botswana e tsweletse ka go tlhabolola matshelo a Batswana mo dikgaolong tse di farologanyeng.

E re ka jaana e le maitlamo a bone go tlhomamisa gore e tokafatsa matshelo a Batswana le go rotloetsa go itirela le gone go tlhamela ba bangwe ditiro, khamphani eo e ne ya re bosheng ya rolela semmuso banni ba motse wa Kolonkwaneng tshimo ya merogo le go abela ba Bogogobo sediba.

Fa a rola tshimo kwa Kolonkwaneng bosheng, mookamedi wa khamphani eo, Mme Naseem Lahri o ne a kgothatsa banni ba motse oo go nna seopo sengwe le go tsenya marapo dinameng ka seo se ka ba thusa go atlega le go ntsha maduo aa nametsang ka go ntsha dijo mo kgaolong eo.

O boletse fa tiro eo ee lopileng P1.3 million, tsholofelo e le gore mo ngwageng ba bo ba dirile dipoelo tse di ka sologelang motse wa bone molemo ka go rekisa mo kgaolong eo le gone go rekisetsa mafatshe a a kwa ntle.

A re  e  re ntswa khampani ya bone e le kwa Letlhakane mo kgaolong ya Boteti, ga ba itebaganya le metse eo fela mme ba tsweletse ka go thusa dikgaolo tse dingwe jaaka e le maitlamo a bone go tlhabolola matshelo a Batswana fa ba ipopile ditlhopha e seng ka bongwe ka bongwe. 

Fa amogela baeng, Kgosi Neo Kgaudi wa Middlepits, o ne a kopa ba khansele go ema nokeng ba tshimo ya Leungo Boswa ka seo se ka thusa mo kgolong le go itshetlela ga yone ka go rekela bana ba dikole tse dibotlana tse di mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa merogo e sa ntse e na le boleng.

Mo go la gagwe, modulasetilo wa VDC ya Kolonkwaneng, Rre Tumelo Matebele o ne a tlhalosa fa lefelo leo la bophara jwa 100m x 100m e ne e le la banana go dira ditiro dingwe tse di ka tlhabololang matshelo a bone, mme ya re morago ga go thulanya ditlhogo e le boeteledipele ba bona go tshwanela gore ba e fetolele mo tshimong ya merogo go nna ya morafe.

Rre Matebele o boletse fa ba ne ba itshwaraganya le maphata a puso a akaretsa a temo thuo le tlhomamiso dijo, la metsi, kabo ditsha le a a ikemetseng a LEA ga mmogo le mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks yo o neng a ya go ba kopela dithuso mo go ba khamapani ya Lucara Botswana.

A re selo se, se supile fa ditoro le maiteko a bone a ne atlegile mme tsholofelo e le gore tshimo eo e tlaa tlhabolola motse wa bone le gone go tlhamela banni ditiro, bogolo jang banana.

Motshwarela mookamedi wa tsa dijwalo mo lephateng la temo thuo, Mme Monia Mfolwe o ne a galaletsa ba khamapani ya Lucara Botswana ka mpho e e botlhokwa ya tshimo ya merogo ka e le one maitlamo a puso a go rotloetsa Batswana go ntsha dijo tse di lekaneng go ka jesa Batswana lefatshe ka bophara.

Mme Mfolwe o ne a supa fa puso e ne ya tsaya tshwetso ya go emisa go tsaya merogo kwa ntle ka maiteko a go tsosolosa le go ema nokeng dikgwebo potlana tsa Batswana gore di gole, selo se a ba kgothaditseng go ema ka dinao ba tsepama mo tirong eo ka ebile go na le tlhaelo e e kwa godimo ya merogo mo lefatsheng.

O boletse fa go le molemo gore morafe wa Kolonkwaneng e bo e le one o o itlhophetseng go thusiwa ka tshingwana ya merogo ka e le selo se se ka fetolang matshelo a bone le gore go supa fa ba na le tebelopele ka yone mo go direng ka botswerere ka seo se ka thusa go itsetsepela le go nna le bokamoso mo isagong.

O ne a supa fa ba lephata la temo thuo ba tlaa tshwaragana le ba tshimo ya Leungo Boswa ka tse di tlhokafalang di akaretsa dikitso tse di maleba, bogakolodi le tlhaelo ya badiri ba tshwaraganye le ba LEA le ba bangwe ba ba amegang.

E ne ya re morago, ba Lucara Botswana ba rolela ba motse wa Bogogobo sediba sa morafe se se lopileng madi a a kana ka P625 525 84 go nosa leruo la bone.

Kwa motseng oo, Mme Lahri o ne a gakolola morafe go tlhokomela sediba seo ka metsi e le konokono mo matshelong a bone le gore jaanong matshelo a bone a tlaa fetoga le go tokafala gammogo le malwapa a bone ka jaanong leruo lwa bone le tlaa ata.

Mo mafokong a gagwe a tebogo, Rre Brooks o ne a galaletsa thata ba Lucara Botswana ka tiro e a ba e dirileng ka ba diragaditse ditumalano.

Rre Brooks o ne a ba gakolola banni ba Kolonkwaneng le Bogogobo go tshwaraganela go tsamaisa sentle tshimo le sediba ka e le tsa morafe mme a ba kopa go ikgapa mo go tsotlhe tse di ka ba kgaoganyang go tswelela pele.

O ne a gape a ba kgothatsa go tlhokomela leruo la bone gore e nne la boleng jo bo kwa godimo gore ba kgone go bona dipoelo tse nametsang le gone gore ba kgone go oketsa dipalo tsa dikgomo mo lefatsheng tse go lemosegileng ka ditshekatsheko di wela tlase. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Kabo mpho

Date : 29 May 2023