Barui ba tlaa akola letsalo la boleng
29 May 2023
Makhanselara a kgaolo ya Goodhope ba supile boitumelo jo bogolo mabapi le dikgomo tse puso e di rekileng kwa lefatsheng la America bosheng.
Puso e rekile dikgomo dile lekgolo le masome a marataro le bobedi, di poo di lekgolo le masome a mane le motso fa maroba a le masome a mabedi le motso go rekisetsa barui meroto ya dipoo tseo tsa tlhwatlhwa le maemo aa ko godimo.
Maikaelelo kego tlhabolola boleng jwa dikgomo tsa Batswana.
Makhanselara ba supile boitumelo joo ka Labotlhano, jaaka ba ne ba etetse polase ya Ramatlabama Bull Ranch kwa dikgomo tseo di gorogetseng teng, ba re puso e tsere kgato e ntle thata ka go reka dikgomo tseo.
Fa a bua mo potsolotsong , modulasetilo wa khansele ya Good Hope, Rre Fanki Motsaathebe o supile fa dikgomo tseo ele teemane ya Batswana botlhe.
A re mongwe le mongwe o tlaa nna le tshono ya go akola lenaneo la dikgomo tseo ka gore moroto wa tsone o tlaa rekisediwa Batswana.
Rre Motsaathebe a re tsholofelo ke gore dikgomo tseo jaanong di tlaa dira gore kgaolo ya bone le lefatshe la Botswana di itsege lefatshe ka bophara. A re ka ele dikgomo tsa boleng jo bo kwa godimo, mafatshe a tlaa simolola gotla go reka meroto ya tsone mme seo se tlaa tsenyetsa lefatshe leno madi le gone go tokafatsa itsholelo.
Modulasetilo o supile fa khansele ya bone e tlaa ema polase eo nokeng ka sengwe le sengwe se ba se batlang go netefatsa gore maikaelelo a puso a tswa tema.
Makhanselara a mangwe ba supile fa dikgomo tseo di tlaa tswela Batswana mosola fela thata ka gore Batswana ba ntse ba reka dipoo ka madi aa kwa godimo mme jaanong ba tlaa reka ka tlhwatlhwa ee kwa tlase.
Ba re ba motlotlo thata e le khansele ka gore tiro ya dikgomo tseo gase go tla go dira dinamane fela mme di tlile go tlhama le ditiro.
Ba supile fa jaanong gole mo maruding a bone gore ba tsene mo setshabeng mme ba rute ka mosola le maikaelelo a puso mabapi le dikgomo tseo.
Batlhokomedi ba dikgomo tseo ba supile fa di gorogile sentle mme ebile go sena lefa ele ee nang le mathata mogo tsone go fitlha mo nakong eno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : RAMATLABAMA
Event : Loeto la makhanselara
Date : 29 May 2023