Banni ba Gojwane le Serule ba lela ka letlhoko la metsi
29 May 2023
Banni ba Gojwane le Serule ba lela ka letlhoko la metsi.
Ba buile se fa ba lekodisa Mopalamente wa bone wa Serowe Bokone ka labobedi.
E rile a ntsha pego ya gagwe, modula setilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Gojwane, Mme Mogogi Khumo a re ba na le tlhaelo ya boroko jwa badirela puso, e bile badirela puso ba theogela ba tswa kwa Serule le Sese.
Mme Khumo a re ba kopa gore kokelwana ya bone e atolosiwe go dira lobaka lwa dioura di le masome mabedi le bone, ka gore mo nakong ya gompieno go theogelwa oura di fera bobedi fela.
A re ba kopa thuso kwa kokelong ya Serule mme go a ba turela ka ba hira dikoloi go isa molwetsi koo.
Mme Khumo a re ba na le letlhoko la matlo a borutelo, mo komiti e feletseng e ntsha matlo a le mabedi go a neela sekolo go a dirisa gore bana ba seka ba felela ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare.
E rile a tswa la gagwe, Mopalamente Rre Baratiwa Mathoothe a ba lekodisa gore palamente e tsere tshwetso ya gore go okediwe dipalo tsa mapalamente go tswa mo go masome a matlhano le bosupa (57) go nna masome a marataro le bongwe (61).
Rre Mathoothe o tlhalositse fa komiti e e neng e kgaoganya melelwane ya botlhopi, e isitse metse ya bone kwa Tonota. A re seo se seka sa ba tshwenya ka gore o ya go nna mopalamente wa bone go fitlhelela kgwedi ya ditlhopo ngwaga o o tlang.
Mopalamente Mathoothe a re monongwaga madi a Constituency Community Projects a ya go dira ditsela tse di mo metseng fela jaaka taolo e laotse.
A re taelo e ba bolaile ka gore madi a, a ne a ba thusa mo go ageng matlo a maroko ba hirisetsa badirela puso ba ba direlang mo metseng ya Gojwane le Serule.
Rre Mathoothe o ba lekodisitse ka madirelo a mashi kwa Serowe a a senyegileng, a supa fa puso e tsere tshwetso ya go a tsosolosa.
O ne a kopa banni go tsaya madirelo ao ka tlhwaafalo ka go ka ba thusa go oba letsogo.
E rile a araba kgang ya letlhoko la metsi, Rre Gaongalwe Dengu go tswa kwa koporasing ya metsi kwa Selibe Phikwe, a solofetsa banni gore metsi a gorogile mo metseng ya bone, a supa fa e tlaa re kgwedi eno e fela, ba tla a bo ba nwa metsi go tswa kwa Letsibogo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : GOJWANE/SERULE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 29 May 2023