Go lwela bogosi go diga seriti
29 May 2023
Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse a re go botlhokwa gore bogosi bo tlotliwe ka dipaka tsotlhe.
A re bogosi ga bo a tshwanelwa go kgotlelwa ka gope, ka jalo a gwetlha Batswana go somarela ngwao ya bone ya go tlotla bogosi.
Tona Autlwetse o ne a tshwaela jalo a bula semmuso leobo la kgotla ya motse wa Mapoka kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ka Labotlhano.
A re go a tshwenya go bo Batswana bangwe ba tsere mokgwa wa go lwela bogosi fa yo o mo setilong a sena go tlhokafala kgotsa a tlogela tiro, a supa e le sengwe se se kgotlelang le go diga seriti sa bogosi.
A re go botlhokwa gore merafe e kwale ditso tsa yone le ka fa bogosi bo tlhatlologanang ka teng, gore kokomane e e tswang kwa morago e tle e itse ka seo.
Se go ya ka Rre Autlwetse se ka thusa go tila diphaphang tse di senyang serodumo sa bogosi le go timetsa setshaba.
Le fa gontse jalo, tona Autlwetse a re ba Mapoka ba tshwanetse go akgolelwa go bo bogosi jwa bone bo tsamaya ka thelelo, a re ga bo ise bo tshabelelwe ke dihawa tsa dikgogakgogano fa go tlhophiwa Kgosi go tlhatlhama yo mongwe.
O kaile fa seo, e le gone go tshegetsa ngwao le tsamaiso ya ka fa bogosi jwa bone bo tlhatlologanang ka teng, a tlatsa ka gore motse oo, wa Mapoka ke mongwe wa e e nang le ngwao le ditso tse banni ba tshwanetseng go di dibela ka gotlhe.
Tona Autlwetse, yo e leng mopalamente yo o itlhophetsweng o tsweletse a supa fa bogosi bo sa tshwanela go itlhokomolosiwa ka gope, a re pele lefatshe leno le tsaya boipuso ditiro tsotlhe tse mo nakong eno di dirwang ke puso, di ne di dirwa ke magosi.
O supile fa puso e tsaya tsia bogosi le makgotla a Setswana a re ke ka moo makgotla a Setswana a abetsweng madi a a boketenyana monongwaga go a dirisa mo ditirong tsa tsatsi le letsatsi mmogo le mo ditlhabolong dingwe.
A re mo mading ao, puso e tsere tshwetso ya go tlhabolola dikgotla tsa lefatshe leno le ditirelo tsa tsone, ka go aga tsa selebego le serodumo sa sesha le go netefatsa gore e di gokela maranyane ka lenaneo le SMARTBOTS.
Fa a itebaganya le leobo leo, le go tlhalositsweng le agilwe ka madi a Constituency Community Programme (CCP), o ne a iteela legofi boeteledipele jwa kgaolo ya Bokone Botlhaba go bo e rile ka nako eo, madi a CCP a goroga, ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go a dirisa go aga maobo a dikgotla tsa kgaolo eo.
Leobo leo, le ne la agiwa mo dingwageng tsa madi tsa 2018/2019 le 2019/2020 ka madi a a kanang ka P668 948, ka jalo tona Autlwetse a re seo ke tsela nngwe ya go tlotla kgotla, e a boletseng e le yone sefalana sa ngwao.
O ne a galaletsa ba Mapoka go bo ba ne ba ema ka dinao ba dira ditogamaano ka maikaelelo a go bona leobo leo, le e leng bontlha bongwe jwa ditlhabololo tsa motse le phaphasela mo motseng wa bone.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mapoka, Rre Abel Thela o ne a supa botlhokwa jwa gore go nne le diofisi le ditlamelo dingwe mo leobong leo, a re ga le a direlwa go tshegetsa ditsheko fela.
O ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya leobo leo, a bo a lebogela puso ditlhabololo dingwe tse di tsweletseng ka go dirwa le tse di mo thulaganyong ya go diragadiwa mo motseng.
Mo go tse dingwe, Rre Thela o ne a ikuela kwa go tona ka borukuthi, segolo jang jwa go utswiwa ga dikoloi mo kgaolong ya bone, a re bo setse bo tsere phekelo e sele, ka jalo a kopa gore ba thusiwe ka dipone tsa mo mekgwatlheng mo motseng wa bone.
Mo go la gagwe, mopalamente wa Tati Bophirima Rre Simon Moabi le ene o ne a leboga puso go diragatsa ditlhabololo ka go farologana mo lefatsheng leno, a bo a opela legofi ba Mapoka go bo leobo leo le weditswe ntle le makgwere ape. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MAPOKA
Event : Pulo ya leobo
Date : 29 May 2023