Breaking News

Mabogo dinku a a thebana

28 May 2023

Kgosi e tshwanetse ya sala morago molao, go nne le teka-tekano fa e dira le morafe, ka seo se tla supa boineeleo le lorato mo tirong.

Mothusa Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Talita Monnakgotla o buile seo kwa Mogoditshane bosheng kwa moletlong wa Peo ya ga Kgosi Prince Dihutso.

Mme Monnakgotla a re thomo e ntsha ya ga Tautona e gwetlha mongwe le mongwe go fetola ka fa a ntseng a dira dilo ka teng, a re seo se tlaa thusa mo go iseng itsholelo ya lefatshe leno kwa pele.

A re molao wa Bogosi wa 2008, o supa gore fa go nang le phatlha ya bogosi e bakilwe ke loso kgotsa bogodi go mo maroding a morafe go neela mojaboswa setilo seo, go lebeletswe tsamaiso ee maleba ya ka fa bogosi bo tsamayang ka teng.

"Ke itse fa bogosi jwa Mogoditshane e le jwa letsalo, ka jalo go bona moja boswa a neelwa boeteledipele ke selo se se itumedisang," ga bua Mme Monnakgotla.

O ne a tlhalosa gore fa e sale go tsweng ka 1966 lefatshe leno le tsaya boipuso, magosi ke one a neng a eteletse pele merero ya lefatshe leno. Mme Monnakgotla a re morago ga go amogela boipuso, puso e ne ya bona go le maleba gore magosi a tseye karolo mo go laoleng lefatshe, ka seo se le botlhokwa mo pusong ya batho ka batho.

"Se se rayang gore kgosi o tshwanetse go amogela botlhe ba ba ikuelang kwa go ene, a sa lebelele motho gore o tswa kae," ga bua Mme Monnakgotla.

A re kgosi ke ene botshabelo mo motseng, go lebeletswe ka fa a dirang tsamaiso ka teng. “Merero e dirwa mo kgotleng ke sone se puso e boneng go le botlhokwa go tswelela le bogosi ka bo le botlhokwa mo tsamaisong ya lefatshe,’ Mme Mongakgotla a tlhalosa.

Mothusa tona a re ke sone se mafatshe a mangwe a mabapi bakopang  tsamaiso ya bogosi, ka ele yone e lereng kagiso mogareng ga merafe.

Mo go tse dingwe, a re banni ba tshwanetse ba tla ka metlhale ya itshetso mme a supa fa temo e le yone khumo ya lefatshe leno.

O ne a wetsa ka gore kgosi e tshwanetse ya sala morago molao, go nne le tekatekano fa e dira le morafe, ka seo se tla supa boineelo le lorato. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : MOGODITSHANE

Event : Peo Ya Kgosi

Date : 28 May 2023