Breaking News

Dinotshe di tlhoka tshireletso

16 May 2023

 Khuduthamaga ya mokgatlho wa Serowe Beekeeping Farmers Association ba kopile puso go dira melawana e e ka sireletsang dinotshe jaaka ditshidi dingwe, ka ba lemogile fa di tshwarwa bosetlhogo.

Ba buile jaana ka Matlhatso kwa masimong a Mabolwa mo kgaolong ya Serowe Borwa mo dithutong tse ba neng ba biditse bommantswitswidi ba tlhokomelo ya dinotshe.

Ba ne ba ruta le ka fa di ka tshwarwang ka teng le go ruiwa.

Baitseanape bao, ba re ba belaela fa dinotshe di tlaa nyelela mme thobo e wele tlase.

 Ba kaile fa dinotshe di na le mosola o montsi mo mhameng wa temo-thuo ka karetso mme di tshwanetse go direlwa melawana e e ka di sireletsang.

Modulalasetilo wa mokgatlho wa barui ba dinotshe mo kgaolong ya Serowe, Rre Timothy Seabelo, yo gape e leng morui wa mmakgonthe wa dinotshe, o boletse fa ba tshwentswe thata ke ka fa batho ba tshubang naga ka teng ba alotse dinotshe ba sa di tshware sentle lemororo di na le seabe se setona mo kgwebong ya bone.

A re mokgatlho wa bone o bopilwe ka 2003 mme wa kwadisiwa semmuso ka 2010 ka maikaelelo a go itebaganya le matshwenyego a.

Rre Seabelo o boletse fa mokgatlho wa bone o rotloetsa balemi go rua dinotshe mo masimong a bone ka gore tiro e tona ya notshe ke go gwela dithunya tsa dijwalo gore di ntshe dijo tse di tlhokafalang mme ba rua ka tsamaiso.

A re fa go nang le dinotshe mo tshimong thobo e gola ka bokete ka gore dijalo di a bo di bone thuso ya dinotshe.

O kgadile ba ba di tshwarang ka go di tshubela fa di thibeletseng teng, mme a kopa gore ba kope thuso kwa go bone go di tshwara.

O boletse fa tsina ya dinotshe e le molemo, bogolo jang fa bana ba hupela, e bile e alafa sehuba le go tiisa masole a mmele.

Rre Thatayaone Morake yo e leng mokwaledi wa mokgatlho o boletse fa dinotshe di le bogadi bo gaufi thata ka di sena mmereko ope.

 A re di ipatlela dijo, di nna fa lefelong le le faphegileng di sa batle modumo.

Rre Morake o boletse fa dinotshe jaaka ditshidi tse  dingwe, di na le go amega, bogolo jang ka dinako tsa leuba go se na kwa di gamang teng ka dipula di a bo di seyo, mme morui o ka di thusa ka metsi le go di lemela ditlhare tse di thunyang.

O boletse fa mo nakong ya gompieno go lebega go na le tlhaelo ya metsi mo nageng mme go bonala fa dinotshe di hudugela kwa magaeng le kwa ditoropong kwa di ka bonang go gama teng.

Molemisi wa twantsho diji le mhero, Rre Goemeone Obonye, a re go na le kgotlhang fa go tla go lwantsha mhero mo dijalong kwa masimong ka gore mhero le one o tlhokwa ke dinotshe go gama mo go one.

Rre Obonye o boletse fa ba dirisa ditshefi tse di ka sekeng tsa bolaya dinotshe fa ba di tshetse mo dijalong.

Molemi-morui yo mongwe yo o butseng sekole sa thuo ya dinotshe kwa Selebi Phikwe, Rre John Langeveldt o rotloeditse balemi-barui le botlhe ba ba nang le keletso ya go itse mo go tseneletseng ka thuo ya dinotshe go ikopanya le ene kwa sekoleng sa gagwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MABOLAWA

Event : Thuto Ka Thuo YaDinotshe

Date : 16 May 2023